Breaking News

Dikgosi di rolela Mzwinila matshwenyego

17 Oct 2016

Dikgosi tsa metse ya Tamasane, Kgagodi, le lefelo la ditlamelo la Maokatumo Service Centre mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare ga ba itumelele boitshwaro jwa morafe o ba o eteletseng pele.  
Dikgosi di roletse mopalamente wa bone Rre Kefentse Mzwinila matshwenyego a  mo bokopanong jo a neng a bo rulaganyeditse go buisana le dikgosi fela.
Maikaelelo a bokopano joo go ya ka mopalamente wa Mmadinare, mothusa tona wa Banana,thotloetso metshameko,ngwao le ditlhabololo Rre Mzwinila e ne e le go kopana le boeteledipele jwa motse, go utlwa ka dikgang tse di ba tshwenyang le gore ene e le moemedi wa bone o ka ba thusa jang gore ba di kopanele.  
Rre Mzwinila a re se e ne e le go fa dikgosi sebaka sa go ipolela ka gore go le gantsi fa ba le mo diphuthegong tsa kgotla tsa morafe ga ba ke ba nna le sebaka sa go ntsha mahatlha a bone ka gore le bone ba a bo ba thusa mopalamente go araba dipotso tsa morafe.
Kgosi Baikananyi Sebetela wa Maokatumo o ne  a lebogela morafe wa gagwe gore o ne o itshwere sentle ka boipuso jwa BOT50.
A re go le gantsi, nako ya boipuso batho ba itumela thata, le gone go iphetisa dinotagi tse ka nako e nngwe di felang di ba tsentse mo melatong.   
Kgosi Sebetela a re monongwaga, selo seo ga ba ise ba se begelwe ke ope, e bile ga ba a seka kgang epe ya mofuta oo. A re o a leboga e bile o eletsa gore mowa oo le maitsholo a mantle ao a tswelele pele.
Matshwenyego a ga Kgosi Sebetela e ne ya nna gore bogodu jwa leruo, bogolo jang le le botlana bo ile magoletsa, mme matlhabisa ditlhong ke gore go amega le baeteledipele  ba dikereke mo teng.  
Kgosi Sebetela a re mo go bone batho ba ba tshwarwang ka dithoto tsa bogodu, bangwe ba gana go sekisetswa mo makgotleng a Setswana, ba batla kwa kgotla tshekelong ya ga mmakaseterata ka ba lemogile fa koo dikgang di tsaya sebaka go sekwa bosupi bo bo bo felele bo senyegile, le bone ba tsweletse ka borukutlhi.   
Fa a otlelela mo mafokong ao, mothusa Kgosi ya Maokatumo Rre Kethapile Kedikilwe o ne a re a dikgang tsa bogodu ja leruo di sekiwe kwa dikgotleng tsa Setswana, bosupi bo sale bosha, seo se sa thibele gore fa motho a sa kgotsofalela katlholo o ka isa boikuelo kwa pele.      
Rre Kedikilwe o ne a ngongorega ka go bapalwa ga phane e santse e le bokomane, a re a dikgosi di fiwe dithata tsa go laola seemo ka mephato.  
Kwa Kgagodi,  Rre Ranko Noge o ne batla go itse fa puso e emeng teng ka go atswiwa ga dikgosana.
Baeteledipele ba Kgagodi ba ne ba bua kgang e ba sa kgwe mathe ka lefelo la ditlamelo la   Maokatumo Service Centre ba re ga se motse, mme ba kopa gore kgang eo e akofelwe ka e ka tsisa semorafe ya bo ya tsisa dikgotlhang.
Ba ne ba kopa mopalamente gore a kopanele kgang eo le tona yo o lebanyeng, go baakanya seemo se santse se letla jaana, go latedisiwe motlhala wa tshimologo ya Maokatumo mme a kwalwe gore ke lefelo la dithuso, e seng motse.
Ba ne ba ba kopa gore dikgosi tsa kwa Maokatumo di beelwe sebaka sa tiro ka gore ke dikgosi tse di tlhophilweng, mme fa se fela, ba tswe go tlhophiwe gape.
Dikgosi ka bontsi ba ne ba dumalana le kgang ya gore ngwao ya Setswana e nyeletse e bile banana ga ba sa tlhole ba tlotla bagolo ka ntlha ya gore ngwao e e neng e ba laya ga eyo.
Ba re mo malatsing a gompieno a go sa tlholeng go lemiwa jaaka bogologolo jole, batho ba disetsa mo metseng eseng kwa masimo jaaka go ne go dirwa, banana ba gana go disa, e bile bogodu jwa leruo bo bontsi thata.
Dikgosi tsa re basha ga ba sa tlhola ba tlhompha tsamaiso ya phitlho le molao wa kgotla. Ba re banana ba tla ba ikaparetse fela, borre ba ya phitlhong ba apere dikipara ba sa apara baki, fa bomme ba apara bokhutshwanyane gape ba sa rwale ditukwi, e bile ba gana go nna fa fatshe, ba tlhaetsa borre ditilo.
 Dikgosi tsa tetlanyo tsone di ne tsa ikopela dithata tsa go kgwathisa, go atlhola, le go neelwa lemmenyana la itshetso, ba re morafe ga o ba tlotle ka gore ga ba amogele e bile ga ba na dithata dipe fela.
Dikgosi tsa tetlanyo di ne tsa kopa gore ba thusiwe ka ma-cluster gore fa ba bitsa motho go tla kgotleng a bo a gana, ma-cluster ba thuse go ya go mo tsaya.  
Fa a ba araba, mopalamente Mzwinila o ne a ba tlhalosetsa fa ba na le dithata tsa go laya morafe wa bone tse e bileng di kwadilwe mo molaong wa bogosi.
A re dikgosi ke tsone tse di lomaganyang, le go tsamaisa ngwao, ka jalo ba dirise dithata tse ba nang le tsone go somarela ngwao.
Mopalamente o ne a ba bolelela fa dikgosi tsa tetlanyo di diretswe go agisanya batho, eseng go ba otlhaya. A re molao ga o letle gore kgosi ya tetlanyo e otlhaye motho, mme seo se ka dirwa fela ke moemela kgosi yo mogolwane.
Mopalamente o ne a solofetsa gore dikgang tse a sa kgonang go di araba, o tlaa di isa kwa maphateng a a maleba mme o tlaa ba busetsa dikarabo tsa tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : TAMASANE-

Event : NTLO YA DIKGOSI

Date : 17 Oct 2016