Kgosi o kopela metse polase ya mahudiso
17 Oct 2016
Ntlo ya Dikgosi e dumalane le mogopolo wa gore puso e rekele banni ba Mathako, Chadibe, Mokobeng le Ngwapa kwa kgaolong ya Tswapong polase ya mahudiso ka jaana go sena kwa leruo la bone le hulelang teng.
Mogopolo o, o o neng o rolwa ke Kgosi Galeakanye Modise wa kgaolo ya Tswapong kwa Ntlo Ya Dikgosi bosheng, o tlhalosa fa batho ba metse e, ba tshwaragane le bothata jwa gore metse eo e dikaganyeditswe ke dipolase tse beng ba tsone ba ikemetseng ka nosi.
Kgosi Modise o boletse fa maiteko a balemi ba kgaolo e, a go lema a kgorelediwa ke gore leruo e ya re ka nako ya temo le bo le tlhakatlhakane le masimo a bone.
Kgosi Modise o bile a kopa gore go bulwe tsela e e fetelang kwa nokeng ya Limpopo gore leruo la metse e e boletsweng e, le kgone go akola metsi a noka.
A re dipolasi tsa baikemedi ka nosi di dikaganyeditse noka, ka jalo leruo ga le kgone go ya go nwa.
Kgosi Tshipe Tshipe wa kgaolo ya Mahalapye a bolela fa le ene a ka supela Kgosi Modise gore metse eo ga e na mahudiso.
Kgosi Kgomotso Boiditswe wa kgaolo ya Serowe le Kgosi Tjazako Munduu wa kgaolo ya Okavango ba iteetse legofi kopo ya gore puso e sekaseke gore batho ba metse eo ba batlelwe polase e ba ka fudisetsang leruo la bone mo go yone ka jaana banni ba kgaolo eo ba le tlhaga mo temong, e bile ba jesa banni bangwe ba kgaolo ya Legare.
E rile a tswa la gagwe, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a gakolola dikgosi go sala morago tsamaiso ya dikgaolo ya go kopa lefelo la tiriso ya morafe la (District Land Use Plan).
A re mogopolo o a amogelesega, fela mme o tshwanetse go goroga kwa pusong ka tsamaiso e e lolameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Ntlo ya dikgosi
Date : 17 Oct 2016






