Balemi ba ipaakanyetsa letsema
17 Oct 2016
Morago ga pego ya lephata la tepo loapi ya gore ngwaga ono wa temo e tlaa nna o monamagadi, balemi-barui ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng ba supile fa ba e ipaakanyeditse.
Mongwe wa bone, Rre Tshireletso Mokaekwa a re ngwaga o o fetileng o ne a lemile mme a tswa a iphotlhere morago ga gore dijalo tsa gagwe di fisiwe ke letsatsi.
Molemi yoo yo o kaileng fa a lemela go tshetsa ba lapa la gagwe, go fepa leruo la gagwe ka nako ya komelelo le go rekisa fa a bonye temo e e nametsang a re seemo seo se ne sa rata go mo kgoba marapo go tswelela a lema.
A re maikutlo a ne a fetoga morago ga go utlwa pego ya gore ngwaga o wa temo o tlaa itemogela dipula tse di nametsang.
Rre Mokaekwa a re o ikaeletse go oketsa ditema tsa gagwe go nna lesome ka a ikaelela go lemela leruo la gagwe gore a le fepe ka nako ya komelelo.
A re se se ka mo thusa manonoko a go rekela leruo dijo ka go tura.
Mogolwane wa ofisi ya dijalo mo Kweneng Bophirima, Mme Evelyn Ramontshonyana le ene o netefaditse fa balemi mo kgaolong ya gagwe ba nyoretswe pula ka dipaka tse di fetileng di ne di itemogela dipula tse di boutsana le letsatsi le le feteletseng mme se se bake gore balemi ba bone thobo e e kwa tlase fa ba bangwe ba tswa ba iphotlhere.
A re e le ba lephata la dijalo, ba tsweletse ka go thusa balemi gore ba bone thobo e e nametsang.
A re ba dira se ka go ba ruta le go rotloetsa methale e e siameng ya go lema e tshwana le temo ya tshomarelo, le go lema ka ditselana. A re ba fa balemi dipeo tsa boleng le menontshane.
O kaile fa ba le malala a laotswe ka dipampiri tse ka tsone balemi ba tlaa di dirisang go phaka peo kwa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) le mo bagwebing ba ba tlaa letlelelwang go phakisa peo.
O tsweletse ka gore balemi ba ba neng ba sa ikwadisetsa go phaka peo le bone ba letlelelwa go tla go ikwadisa gore le bone ba kgone go akola dipula tse di tlang mo temong.
O tlhalositse fa ba ne ba nna le bokopano le beng ba diterekere ka kgwedi ya Phukwi go ba rutuntsha ka tsela e e siameng ya go lema.
A re go na le mokgwa o o sa siamang o o dirwang ke beng ba diterekere wa go lemolola masimo a mantsi mme morago ba palelwe ke go lema ka ba siiwa ke bokgola. A re ba dumalane go fedisa mokgwa oo.
Fa a tswelela a re ba setse ba rutintshitse balemi ba Kweneng Bophirima ka temo ya tshomarelo ba le 779 mme ba ntse ba tsweletse. A re temo ya tshomarelo e babalela bokgola le mmu o o fa godimo o o nang le monontshane.
Mme Ramontshonyana a re balemi ba tshwanetse ba tsaya temo ka tlhwaafalo mme ba emise mokgwa wa go lemelwa ba seo ka jaana se se dira gore morago balemi ba supe fa ba sa lemelwa sentle.
O weditse ka go rotloetsa balemi go baakanya meriti e e rurifaditsweng ya ditlankana tsa masimo le Omang, mme ba ba adimilweng masimo ba tswanetse ba dira mokwalo o o supang fa ba adimilwe masimo ao mme le one o rurifadiwe ke ba molao.
A re se se thusa mo go direng dituelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dipako Mothibi
Location : LETLHAKENG
Event : LETLHAKENG
Date : 17 Oct 2016






