Bogodu jwa motlhaba bo ile magoletsa
16 Oct 2016
Banni ba Polokwe gaufi le Moshupa ba re ba tshwentswe ke batho ba ba tsweletseng ka go epa motlhaba gaufi le motse wa bone e se ka fa molaong.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Ratho Morupisi o boleletse BOPA mo potsolotsong bosheng gore ga ba robadiwe ke magodu a a utswang motlhaba ka dikgoka mo molapong wa Tlhokwane.
O boletse fa bogodu jo bo ne bo ntse bo ritibetse, mme jwa simolola go ya magoletsa gape ka Seetebosigo. O tlhalositse fa magodu ao, e le Batswana e bile ba tswa mo mafelong a a gaufi a tshwana le Kanye, Moshupa le Moshana.
A re o utlwisiwa botlhoko ke gore ba utswa nako nngwe le nngwe ba se na poifo epe. Mme o tlhalositse fa a lekile go bua le bone makgetho a le mmalwa go se nko e e tswang lamina.
“Fa ke ba raya ke re ba lese go senya ba nthaya ba re ga ke na molapo,” a tlhalosa.
Modulasetilo o ne a supa fa mapodisi a le maoto a tshupa mo go ba tsweng thuso. “Fa ke ile go ba begela kgang e, ba nna ba mpolelela gore bone ga ba na koloi,” a tlatsa ka go re le fa ba e bone, ba nna ba retelelwa ke go boela kwa go ene go tla go latedisa kgang.
A re go leka go fema seemo se, o eletsa ba ka nna le komiti ya twantsho borukutlhi go oketsa baithaopi ba ba leng teng. Gape o kopile tshwaragano magareng ga beng ba motse, mapodisi le setshaba ka kakaretso go lwantsha seemo seo.
Mongwe wa banni Rre Kebeilwe Tsietso o ne a gatelela mafoko ao ka go re magodu ao a senya a sa tshabe bosigo le motshegare.
Fa a akgela, mookamela mapodisi a Moshupa yo mosha yo e bileng a ne a ile go iponela seemo ka matlho, Supt Oteng Nganda a re ntswa ba kgona go nna le tlhaelo ya dikoloi, go botlhokwa go latedisa dikgang tsa go tshwana le tse. A re o lemogile fa gantsi mapodisi a sa tsee dikgang tsa motlhaba tsia.
Mme Rre Nganda o ikanne gore ba tlaa simolola go tsibogela dikgang tse ka maatlametlo. “Re tlaa tswa ka maano a a ka thusang go hema seemo se.” O boletse fa mangwe a maano a e le go bitsa diphuthego tse mo go tsone mapodisi le morafe ba tlaa tswang ka megopolo ya go fokotsa borukutlhi jo le go tshwara dilalome. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : Mmoloki Mauco
Location : POLOKWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 16 Oct 2016






