Kgathi o lekodisa banni ka BCL
16 Oct 2016
Mopalamente wa Bobonong o lekodisetse banni ba dikgotla tsa Rasetimela, Dandane le Borotsi kwa kgaolong eo ka seemo sa moepo wa BCL.
Fa a buisa banni ba dikgotla tseo ka Labobedi Rre Shaw Kgathi a re BCL e imelwa ke dikoloto, mme ka jalo ga e di re dipoelo e bile e ne o sena madi a go duela badiri kgwedi le kgwedi mme o ikaegile ka dithuso tsa puso fela.
Rre Kgathi a re BCL e gaufi thata le dipelo tsa banni ba kgaolo ya Bobirwa a supa fa moepo o e le one o tlhabolotseng tikologo e gammogo le go tlhamela bontsi ditiro.
A re BCL e ntse e sa dire sentle mo dingwageng tse dintsi e bile ba ba neng ba beeleditse mo go yone ba e tlogetse mme puso e ntse e le yone e e tshelelang madi.
Rre Kgathi yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo a re moepo o o wetse kwa tlase thata, ka didirisiwa le tsone di setse di le dikgologolo mme se se dira gore go ntsha ditswammung go nne turu thata.
O tlhalositse fa ditlhwatlhwa tsa kopore di wetse kwa tlase thata kwa mebarakeng.
O tlhalositse fa mo kgweding, BCL e dirisa P40 million go duela badiri mme go tlhoka madi ga yone go ne go tlama puso go duela badiri.
A re go tswala BCL ke tshwetso e e maleba go dibela dithoto tsa moepo o jaaka matlo, mekoti le tse dingwe ka go farologana, polase, kokelo, dithoto le tse dingwe mme a re fa kgato eo e ne e sa tsewa ba BCL e ba kolotang ba ne ba ka gapa dithoto tseo.
A re meepo mengwe kwa mafatsheng a Brazil le Chile a a lekanang le BCL le yone e tswetswe ka seemo se mme a kopa banni go wela dibete le go tswa ka methale e mengwe e kgaolo ya Bobirwa e ka ikaegang ka yone jaaka temo ya nosetso le bojanala ka gore kgaolo e e na le bokgoni.
Rre Kgathi a re tiro ya go sekaseka BCL e tlaa tswelela mo sebakeng sa ngwaga go ya kwa dikgweding di le lesome le boferabobedi go fitlhela tiro yotlhe ya go tswala moepo o e wela.
A re badiri le bone ga ba kitla ba fudusiwa mo matlong a ba nnang mo go one go fitlhela tiro yotlhe e wela.
Mopalamente o supile fa seemo se se ne se ntse se lebetswe pele gore e tlaa re nako nngwe moepo o o tlaa tswalwa mme ya tla ka lenaneo la SPEDU go tswakanya itsholelo ya Selebi Phikwe le dikgaolo tse di bapileng le yone.
Banni ba tshwanetse go tswa ka maano gore mananeo a tshwana le la ISPAAD a diriswe go gogela balemi metsi mo masimong a bone go lema dijo tse ba tlaa di rekisang mme tse le tsone di na le bokgoni ja go tlhama ditiro.
Fa monni wa kgotla ya Dandane Rre Baakodi Tombale a re kgaolo e e na le bokgoni ja go jesa Batswana ka temo-thuo a re unibesithi ya temo e tshwanetse go aga lekalana la yone mo Bobirwa go ruta banni ka temo go lebilwe bokgoni ja yone.
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Phuthego tsa kotla
Date : 16 Oct 2016






