Breaking News

Mapodisi ba tshwenyegile

16 Oct 2016

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa kgotla ya Mokwele kwa Letlhakeng a itseetseng dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di lesome le bobedi.
E rile mo potsolotsong, ramapodisi a Letlhakeng Superintendent Daniel Katse a tlhalosa fa monna yoo wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi  a beteletse mosetsana yoo yo o neng a kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa bosigo jwa Labobedi.  
Superintendent  Katse a re ba begetswe tiragalo eo ka nako ya lesome le bobedi bosigogare ja Labobedi ke nkukuagwe mosetsanyana. Superintendent  Katse o tsweletse a supa fa e se lekgetho la ntlha monna yoo a amega mo tiragalong ya go nna jalo,  ka a emetse tsheko kwa ntle mabapi le tiragalo ya motlhale o ka  kgwedi ya Mopitlo monongwaga.
A re monna yoo o tlaa iponatsa fa pele ga lekgotla la ditsheko kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa.
Fa a tlatsa Superintendent  Katse a re ditiragalo tsa mothale o di a tshwenya mo kgaolong ya gagwe e bile dipalo tsa teng di le kwa godimo thata fa di bapisiwa le tsa ngwaga o o fetileng.
Mo go tse dingwe, Rre Katse a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bone wa kgotla ya Mokgalwane kwa Diphuduhudu a iteilweng a bo a gobadiwa ke monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa yo le ene a tlholegang kwa motseng oo.
A re mme yo o ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone kwa Molepolole kwa a neng a fetisediwa kwa Princess Marina kwa Gaborone kwa a fetileng a tlhokafalela teng morago ga dibeke tse tharo.
A re monna yoo o lebisitswe molato wa polao mme o tlaa iponatsa fa pele ga lekgotla la ditsheko ngwedi eno e le masome a mabedi le bosupa.
Superintendent  Katse o kopile setshaba go kopa dithuso mo go ba sepodisi kana ba boipelego fa ba na le mathata e seng go itseela ditshwetso tse di felelang di ba tsenya mo mathateng a matona le go feta. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gomolemo Moketo

Location : LETLHAKENG

Event : potsolotso

Date : 16 Oct 2016