Breaking News

Ba lela ka go tlhaela ga dihutshane

16 Oct 2016

Banni ba Draaihoek le Kisa  mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba ngongorega  ka tiego ya theko ya  dihutshane ka  lenaneo la nyeletso lehuma ba re ga le ba tswele mosola.
Ba buile jaana mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo,  Rre Frans Van Der Westhuizen,  tse maikaelelo a tsone e neng e le  go  rerisana le morafe ka tse di dumalanweng kwa palameneteng e e fetileng le go utlwa matshweneyego a  bone.
Bontsi jwa banni ba ne ba  supa fa ba solofeditswe go thusiwa ka bonako ke badirelapuso ba ba le eteletseng pele mme ka maswabi go sa diragale jalo.
Mo loetong lwa gagwe,  mopalamente o ne a rerisana le morafe gareng ga tse dingwe  ka motshine o o tlaa dirisiwang mo ditlhophong tsa 2019.
Rre Van Der Westhuizen o ne tlhalosetsa batsena diphutego tseo fa ba lekgotla  la (IEC) ba tlaa tsamaya lefatshe leno ka bophara go tlhalosetsa setshaba ka tiriso wa one, a kaya fa o tlaa fokotsa tiegong ya go tlhopha le go ntshiwa ga maduo ka bofefo.
Mo mafokong a gagwe, mopalamente o ne a gwetlha batsadi  ba metse eo go tshwagagana le barutabana ba sekole se segolo  sa Tsabong Unified ka go lebega se tlaa tsisa pharologanyo mo a bana ba kgaolo a a tswang kgakala a sa kgatlhise.
O ne a kopa batsadi go ema bana nokeng ka go tsena dikomiti tsa batsadi le barutabana le dipitso tse dingwe tsa sekole  ka seo se ka thusa thata mo katlegong ya dithuto le gone go ba tiisa moko.
Mopalamente, yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, o ne a  iteela legofi banni ba kgaolo ya gagwe ka go dira ka natla mo go tlhomamiseng gore metse ya bone e di goga kwa pele mo go baakanyetseng boipuso ka go kgabisa dikgotla fela thata.
Banni ba ne gape ba lela ka tlhaelo ya metsi, tiego  ya didirisiwa tsa  lenaneo la  Ipelegeng tse di felelang di baka tiego mo go fetseng matlo ka nako e e dumalanweng ke khansele le baagi.
Fa a ba kgwa dikgaba, mothusa molaodi, Rre Bigboy Mangwa o ne a tlhalosa fa tiego ya lenaneo la dihutshane e tsalwa ke tlhaelo ya theko ya dihutsane mo kgaolong eo mo baruing ka ba sa rekise ka dipalo tse di lekaneng.
 Mo mafokong a gagwe a tebogo, modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi, Rre Meleko Thumpe o ne a kgothatsa badirelapuso go isa ditirelo kwa setshabebg ka nako tsotlhe go ba tlhalosetsa mo go tseneletseng ka mananeo le ka fa a berekang ka teng.
  Rre Thumpe o ne gape a kgothatsa banni go tlhoafalela go tlhokomela mananeo a ba thusitsweng ka one ka seo se ka thusa mo go  tlhabololong ya matshelo a bone le gone go fokotsa dipalo tsa ba ba tlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : DRAAIHOEK

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 16 Oct 2016