Breaking News

Botswana o na le toro

16 Oct 2016

Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boranyane le boitseanape,  Dr Alfred Madigele  a re toro ya lefatshe leno ke gore e re ka 2036 le bo le humile Batswana le bone ba humile.
Tona Madigele, yo e bileng e le mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Ga-segwagwa Phalane a le 14, fa a ne a lekodisa batlhophi ka tsa  palamente e e fetileng.
Tona a re mme toro e e tshwanetse go fetoga boammaaruri gore e re fa ngwaga o o goroga botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe bo bo bo tokafetse.
Tona a re  toro e e tshwanetse go diragala gore lefatshe le le gatele pele e seng go boela kwa morago. O ne a tlhalosa gore lefatshe leno le sa tswa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le ntse le ipusa mme go supega fa go na le kgatelo pele fa go tshwantshiwa le nako ya le tsaya boipuso.
Dr Madigele a re baeng ba ba neng ba tsene moletlo wa boipuso ba itse gore pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso go ne go ntse jang ba ne ba itumela thata go bona le tsabakela ka ditlhabololo.
O ne a fa sekai ka dikole, dikokelo le dikokelwana gore ba di tlogetse di tsena ka seatla mme mo nakong eno di oketsegile fela thata fa seemo sa ditsela le sone se tokafetse, a re ke ka moo e leng keletso ya gagwe le puso gore toro ya go bona Botswana a gatela pele ka ditlhabololo e diragale.
Mo go tse dingwe tona o lekodisitse morafe fa a huduseditswe kwa lephateng la thuto e bile a tlhatlosiswe maemo go nna tona, a ba bolelela le ka mapalamente a mane a a okeleditsweng boikarabelo  go nna bathusa tona.
A re mangwe a maikaelelo a puso tebang le kabakanyo maemo a khuduthamaga ya puso ya bosheng  ke go leka go tlhabolola le go baakanya makalana mangwe a puso go itepatepanya le ditirelo dingwe tsa di tshwenyang gore di nne le maduo.
A re gape seo ke go leka go baakanya itsholelo ya lefatshe leno, go e neneketsa le gore e seka ya ikaega fela ka di-tswa mmung, segolo jang diteemane ka e bile di sa tlhole di rekwa thata.
Tona o ne a lekodisa banni ka melao mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng e mengwe ya yone e leng go tlhopha ka boranyane mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba, molao wa malomatsebe le molao o o amang babereki le mhiri.
Fa a ama kgang ya moepo wa BCL go bo o santse o tswetswe, Dr Madigele a re seemo seo se tshwenya puso thata ka se ama babereki, a re mme puso e ikaelela go thusa babereki ka go isa madirelo a mangwe koo.
 A re go tswa ka 2007 go fitlha nako e puso e dirisitse P7 billion go thusa moepo oo ka tsholofelo ya gore seemo se tlaa tokafala, go lebeletswe thekiso ya kopore, a re mme le jaana ga o dire dipoelo.
E rile  banni ba tswa la bone ba lebogela mananeo a puso ga mmogo le la Ipelegeng le la Nyeletso lehuma, fela ba supa fa la nyeletso lehuma le simologile sentle mme jaanong le le bonya.
Ba lebogetse motlakase le mororo o sa akaretsa motse otlhe, ba supa fa o le kwa sekoleng le matlo a barutabana fela mme mo  diofising tsa kgotla o ise o gokelwe. Ba bile ba ntsha matshwenyego a tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso.
Ba kopile gore sepodisi se thusiwe ka koloi e e lebaganeng le ofisi ya kgotla fela gore ba itepatepanye le bourutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 16 Oct 2016