Magosi a tsibogela boitshwaro jwa baithuti
16 Oct 2016
Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa o tshwenyegile ka boitshwaro jo bo makgasa jwa bana ba sekole se segolwane sa Moshupa.
Kgosi o supile matshwenyego a kwa phuthegong ya kgotla bosheng, e maikaelelo a yone e neng e le go tswa ka tharabololo tebang le botlhokatsebe jo bo diragalang ko sekoleng seo.
Kgosi a re ke nako gore go kgalemelwe tiriso ya nnotagi le dintwa magareng ga bana tse di bakang dikgobalo tse di masisi le maitsholo a a maswe kwa sekoleng seo.
E rile a tswa la gagwe Kgosi Montswa Mosielele wa Thamaga a supa fa boitshwaro jwa go nna jalo e setse e le selomodiro ka motse wa gagwe o ntse o wetswe ke seru sa botlhokatsebe jwa digongwana tse di jesetsang banni mo kgobedung.
A re le bana ba dikole ba setse ba itsentse mo masuleng a go nna jalo. A re sebe sa phiri ke gore batsadi ba bana ba ba dirang masula a go nna jalo ba ganela ba bo ba rititsa pitsa mosidi fa ba itsisiwe ka maitseo aa makgasa a bana ba bone.
A re “dipatlisiso di supa ba na le seabe se sentsi mo go rotloetseng boitsholo jo bo makgasa mo e bileng batsadi bangwe ba neela bana ditagi gore ba di rekise kwa dikoleng,”go buile Kgosi Montswa Mosielele.
O ne a tlatsa ka go re se se setse se bakile dikgotlhang tsa semorafe magareng ga batsadi ba Thamaga le Moshupa ,e ntswa e le batho ba le bangwe fela.
O ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Kgosi Oscar Mosielele ka go re ba ketefalediwa dikgang ke molao ka jaana badiramolato gantsi e le ba dingwaga tse di kwa tlase, ka jalo go se motlhofo gore ba ba tseele dikgato tse di maleba.
O kopile batsadi ba metse ka bobedi go tshwaragana go tswa ka tharabololo ya mathata a.
E ne ya re fa a lekodisa morafe ka tlhokatsogo ya sekole se segolwane sa Moshupa, mothusa mogokgo, Rre Clyde Sibanda a tlhalosa fa baithuti ba tlhamuketse mo tirisong ya diritibatsi tse di bogale tse di akaretsang Nyaope le motokwane.
A re tiriso eo ya ditagi e baka dintwa tse di tsosiwang ke makgamu a baithuti ba Moshupa le Thamaga.
Morutabana wa dithuto tsa bokaedi le bogakolodi, Mme Keamogetse Pitsonyana a re dikatlatlhogo tsa go nna jalo di setse di tsene mo seemong sa go ithupisa ka mpherehere ga mmogo le go ikatisa mmele gore fa ba otlhaiwa ba seka ba utlwa botlhoko.
O tsweletse a tlhalosa gore bosaatane bo tsere phekelo e sele mo baithuting bangwe a wela ka go re,”go le gantsi bana ba teng ba lemogwa ka go itira ditshwantsho tse di tshosang mo mebeleng.
A re bana ba go nna jalo ba lemotshega ka go tshaba metsi, go goroga thari ko lapeng, bogale jo bo feteletseng le go itotlelela mo diphaposing tsa bone tsa boroko morago ga sekolo.
Ka jalo o ne a kopa batsadi go nna ba beile bana leitlho gore ba ba lemoge go santse go na le nako.
E ne ya re fa a tsibogela dikgang tsa go nna jaana Moruti Ephraim Maboane wa kereke ya Sabata a kaya fa boitemogelo jwa gagwe e le gore bana ba dirisa mategeniki a seemo se se fetileng tlhaloganyo ya setho, a re ka jalo nako e gorogile ya gore go lebisiwe diemo kwa Modimong.
A re go supafala sentle fa bana ba dule mo tseleng ka teng. Mewa le ditlhaloganyo tsa bone di senyegile ka jalo ba tlhoka tshidilo maikutlo le go bopiwa ditlhaloganyo sesha.
Mongwe wa banni, Rre Bonno Rantshilwane ene o ne a re batsadi ba ba rekisetsang bana ditagi ga mmogo le ba ba ganang bana ba bone ba otlhaiwa ke bogosi ba itshwaneste go fetoga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshegofatso Mongwaketse
Location : MOSHUPA
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 16 Oct 2016






