Motlobo o tlaa tokafatsa maduo
13 Oct 2016
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Frans Van Der Westhuizen, a re kago ya metlobo ya dibuka le lefelo la ditso kwa Werda e tlaa thusa mo go tokofatseng maduo a dikole tse di kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
Rre Van Der Westhuizen, yo gape e leng Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o buile se ka Mosupologo (Phalane a le lesome) kwa pulong semmuso ya kago eo.
O tlhalosiste fa thuto e le konokono ka jalo a akgola Robert &Sara Rothschild Family Foundation go ntsha mpho e e tlaa thibelang banana go tsena mo ditirong tsa botlhoka tsebe.
Rre Van Der Westhuizen a re baithuti, barutabana, banana le bagolo ba tlaa nna le sebaka sa go bala, go ithuta le go itlhabolola ka go nna le dikitso tse di farologanyeng le gone go itepatepanya le seemo se se tsweletseng ka go tlhabologa sa maranyane a segompieno.
A re seo gape ke kgatelopele mo go tsa thuto, a kaya fa pele ga lefatshe le tsaya buipuso dingwaga tse di masome matlhano tse di fetileng go ne go sena metlobo ya dibuka gotlhelele.
O kaile fa kago eo ya metlobo wa dibuka e le ya bo lekgolo le botlhano lefatshe leno ka bophara mme e le ya lesome le boraro e e agilweng ke ba mokgatlho wa Robert & Sara Rothschild Family Foundation go tswa Amerika.
Rre Van Der Westhuizen o ne a leboga kgosi le morafe wa Werda go bo ba ne ba ema ka dinao mo go tlhomamiseng gore ntlo ya metlobo ya dibuka e nna teng.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo mo kagong ya ntlo eo, Mme Yvonne Motshabise o ne a lebogela ba ntlo kgolo ya metlobo ya dibuka go tswa Gaborone le mokgatlho oo wa Robert & Sara Rothschild Family Foundation tiro e ntle e ba e dirileng ya go tswa ka moono wa kago eo, e e simolodisitsweng ka ngwaga wa 2015 ka tshwaragano le lephata la banana, metshameko le ngwao.
Mme Motshabise o supile fa kwa tshimologong lefelo leo e ne e le sekgwa fela ka e ne e le setsha sa VDC mme kgosi le morafe wa gagwe ba ne ba amogela kago eo ka diatla tsoopedi, mo bangwe ba ba bapileng le sone ba feletseng ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go natha mo dijarateng tsa bone bontlha bongwe go se oketsa ka se ne se le sennye.
A re le ntswa ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le metsi, ba ne ba itoma molomo wa tlase go wetsa kago e.
Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Justice Nkwane, o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe le dikgakololo mo kagong ya ntlo ya metlobo ya dibuka ka e tlaa tsisa lesedi le kgatlhego ya go bala mo go mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Pulo semmuso ya kago
Date : 13 Oct 2016






