Breaking News

Selepeng o kopa baithuti go ikemela ka dinao

13 Oct 2016

Baithuti ba sekole se segolwane sa Sedie kwa Maun ba gakolotswe go dirisa ditlamelo tsa thuto go godisa le go tokafatsa maduo a bone.

Seo se builwe ke Dr Ditshupo Selepeng yo e leng morutabana wa dithuto tsa maranyane kwa sekoleng sa Okavango International.

A re ditlamelo tsa thuto di tlhabologile thata fa di tshwantshanngwa le dipaka tse di fetileng.

Dr Selepeng a re bogologolo thuto e ne e le lolea ka gore batho ba ne ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare ebile ba dirisa dileiti go kwalela mo teng a tlhalosa fa go ne go se motlhofo go ka baya seleiti jaaka go dirwa ka dibuka.

O tlhalositse fa bangwe  ba ne ba kgona mo botshelong ka jaana ba ne ba tsaya thuto tsia.

Dr Selepeng o rotloeditse baithuti go tsaya thuto ka tlhwaafalo a supa fa e le konokono ya go bula dikgoro tsa botshelo.

O tsweletse a re thuto ke boswa jo ba ka sekeng ba bo tseelwe ke ope mme a ba kopa go tlotla le go reetsa barutabana ba bone ka seo se ka tokafatsa maduo a bone.

Dr Selepeng o kopile batsadi go thusana le barutabana mo go ageng bana.

A re malatsi ano botlhokatsebe bo bontsi thata ka jaana batsadi bangwe ba thubile kobo segole.

A re go iphetisa nnotagi, go goga motokwane ga mmogo le diritibatsi ke dingwe tse di ka senyang bokamoso jwa baithuti mme a kopa batsadi go tsenya leitlho le kgalemo.

A re go itlhaganelela tlhakanelo dikobo le gone go borai mo bokamosong jwa baithuti a tlhalosa fa mebele ya bone e ise e lekane go ka dira jalo.

Dr Selepeng o tsweletse ka go kgala a menne phatla botsadi bongwe jo a reng bo rata go tlogela bana ba le nosi bone ba ya go nna kwa merakeng a tlhalosa fa seo se rotloetsa botlhokatsebe ka jaana go sena yo o kgalemang.

Mogokgo wa sekole seo Mme Senatla  Mokobela o tlhalositse fa ngwaga wa 2016 e ne e le yo monamagadi ka jaana ba dirile go le gontsi.

A re le fa ba tsere maemo a boraro mo dithutong mme mo ditirong tse dingwe ba ntshitse ga tshwene segolo jang mo mophatong wa boraro.

O tsweletse a re e re le ntswa ba kopana le dikgwetlho o dumela fa tse dingwe e le tse di ba godisang le go ba thatafatsa.

Mme Mokobela a re ba ne ba tlhaelelwa ke dibuka, ditilo le ditafole ka  jaana ba ne ba file baithuti ba  sekole se sesha sa Maitlamo boroko fa sa bone se santse se felelediwa.

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Latlhang Molonda o ne a kgothatsa baithuti go ikgapa mo ditirong tsa borukutlhi.

O tsweletse a ba tlhalosetsa fa botshelo jwa malatsi ano bo le thata mme a supa fa thuto e le yone konokono.

Rre Molonda o akgotse bogogi jwa sekole seo go bo ba dira ka natla le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : Onalenna Mokhawa

Event : Phuthego

Date : 13 Oct 2016