Kgaolo e tlaa bona ditsela tse pedi
13 Oct 2016
Mopalamente wa kgaolo ya Thamaga-Kumakwane yo e bileng gape e le tona mo lephateng le lesha la khiro, pereko le tlhabololo dikitso Rre Tshenolo Mabeo a re banni ba kgaolo ya gagwe ba lebogetse gore kgaolo e tlaa direlwa ditsela di le pedi mo ngwageng ono wa madi ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo (ESP).
Mopalamente o buile se mo diphuthegong tsa kgotla ko metseng ya Gakgatla le Thamaga Bophirima fa a ne a lekola banni ba kgaolo ya gagwe.
Fa a tlhalosa, mopalamente a re, puso e ne e akantse go dira ditsela di le masome mane le bobedi ka lenaneo la ESP mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi puso ya tsaya tshwetso ya gore go tlaa dirwa ditsela di le lesome le bone fela.
Le fa go ntse jalo a re, kgaolo ya gagwe e nnile lesego go bo puso e rebotse gore mo go tsone tse di le lesome le bone tse di tlaa dirwang, ditsela di le pedi di wela mo kgaolong ya Thamaga-Kumakwane. A re nngwe mo go tsone ke tsela ya Kubung.
Rre Mabeo o kaile gore le fa ntswa bangwe ba ngongoregela gore tsela eo, ke tsela ya masimo o tlhalositse gore tsela eo, e tlaa tsosolosa mohama wa temo-thuo le gone go fetlha maiteko a go ntsha dijo ka bontsi ka tsela e tlaa tlhofofatsa gore ditswa tshimong di goroge ka bofefo ko mmarakeng.
A re tsela e nngwe e banni ba tlaa e akolang ke ya Mogoditshane-Gabane-Mmankgodi e e tlaa dirwang e le mela mebedi.
A re tsela eo, e tlaa fefosa mosepele wa batho ba ba berekelang ko Gaborone le gone go fokotsa mosuke mo tseleng e tona ya A10.
Mopalamente o ne gape a tsibosa banni ka tshwetso e e tserweng ke puso ya go fetola molao wa tsamaiso ditlhopho go lere tsamaiso e ntsha ya go tlhophisa ka mochine wa maranyane (EVM).
O kgothaditse banni gore ba seka ba itetla go tsiediwa ke bao ba ba kgatlhanong le tiriso ya maranyane a, ka e le nngwe tsela ya go fefosa tsamaiso ya ditlhopho.
Banni ba motse wa Gakgatla ba ne ba boditse mopalamente ka tsela ya Gakgatla-Gamodubu e ba sa bolong go e solofediwa gore a ba tlaa e bona.
Bangwe ba banni ba boleletse tona gore ditiro tsa ESP di akolwa fela ke dikompone ka gore le fa ba thapa batho ba ba amogedisa madi a a ko tlase.
Mme Ithapeleng Makhupe le ene o gateletse gore letlhoko la ditiro le ile magoletsa e bile go lebega puso e lebetse batho ba dingwaga tse di fa gare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : THAMAGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Oct 2016






