Breaking News

Goya o kopa banni go tshepha BDP

12 Oct 2016

Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, o kopile Batswana go tswelela ka go tshepha Botswana Democratic Party (BDP).

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya mokhanselara wa kgaolwana ya Matolwane, Rre Goya o tlhalositse fa BDP e le boikanyego e bile e dirile go le gontsi fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso.

A re phathi ya gagwe e batla Motswana mongwe le mongwe a nna le seriti, ka jalo Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o tsile ka lenaneo la go agela batlhoki matlo gore dikhamphani le Batswana ka kakaretso ba thuse puso go fa Batswana ba ba senang matlo seriti.

A re ka nako ya fa lefatshe leno le tsaya boipuso, go ne go sena sepe, mme phathi ya BDP e eteletswe pele ke Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama, e ile ya tsisa ditlhabololo jaaka dikole, meepo, motlakase le metsi.

O lebogetse banni ba Moremi le Lesenepole go ema nokeng mokhanselara wa bone, Rre Opelo Modimowaitse, makgetho a mararo e ntse e le mokhanselara.

A re Rre Modimowaitse o kgonne go emelelana le dikgwetlho tsa kgaolwana ya Matolwane mme a dira sentle le banni ba kgaolwana ya gagwe ka boineelo, a re se, se supa fa ba na le tshepho mo phathing ya BDP.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele, o lebogetse Rre Modimowaitse go bo ba bereka sentle mo thomong e ba e filweng ke banni ba kgaolo eo.

A re o leboga makhanselara a a tseneng mo ditlhophong tsa 2014, a re ba dira tiro ya bone ka botswerere e bile ba dirisanya sentle le ofisi ya mopalamente.

O kgadile diphathi tsa kganetso go bo di tsweletse ka go kgala phathi e e busang, bogolo jang ka molao o o fetotsweng wa tsamaiso ya ditlhopho, o ka one go tlaa bong go dirisiwa mochine e seng dipampiri tse di tlhophang jaaka pele.

A re sebe sa phiri ke  gore mapalamente a kganetso a ile a tsaya mosepele wa go ya Namibia kwa mochine oo o dirisiwang teng, le kwa India kwa mochine oo o dirwang teng.

A re morago ga maeto ao, ba ile ba supa fa ba itumelela mochine o mme morago ba fetola mafoko a bone ba kgala tiriso ya mochine.

Fa a tswa la gagwe, Rre Modimowaitse o ne a leboga banni ba kgaolo ya gagwe go bo ba ile ba mo ema nokeng mo dingwageng tse a ntseng e le mokhanselara wa bone.

A re dilo tse a kgonneng go di direla kgaolwana ya gagwe ke ka ntlha ya tshepho le kemonokeng e a e fiwang ke banni ba kgaolo ya gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Moletlo

Date : 12 Oct 2016