Olopeng o kgothatsa Makomoto go tiisa mo temong
12 Oct 2016
Mopalamente wa kgaolo ya Tonota, Rre Thapelo Olopeng, o kgothaditse banni wa masimo a Makomoto go tsaya temo ka tlhwaafalo.
Rre Olopeng o buile seo fa a ne a ile go lekola banni bao ka Labobedi (Phalane a le lesome le motso), go utlwa ka matshwenyego le go tsaya megopolo go e isa kwa Palamenteng e e tlang.
O kopile banni go nna keletlhoko gore ba seka ba tsiediwa ke bangwe, ba tlhaloganye gore mo pusong go na le molaomotheo le tsamaiso.
A re ba tshwanetse go itse tsamaiso ya molao go direla bagogi ba bone tiro motlhofo e seng go e thatafaletsa pele.
Rre Olopeng a re Makomoto e santse e le masimo a batho ba one ba tswang kwa Tonota ka fa tlase ga kgotla ya Mohakamme, ka jalo ke sone se ba leng ka fa tlase ga komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Mopalamente o rotloeditse banni go tsaya kgato go aga masimo a bone e se re ka moso ba thanye lomapo lo le tsebeng nako e setse e ba siile.
Le fa go ntse jalo, mongwe wa leloko la komiti ya ditlhabololo, Mme Ethel Phamotse, o lekodisitse mopalamente gore ga ba na ntlwana ya boitiketso.
A re ba na le kgwetlho ya seemo sa boemelo jwa dipalamo, a tlatsa ka gore seo se ba baya ka fa mosing fa ba ya Tonota.
Mme Phamotse o tsweletse a re ga ba na metsi mme go na le didiba tse pedi tse ba ka nwang mo go tsone.
A re kgang ya go agelela masimo a bone go itsa go jelwa ke leruo fa ba lemile, e a ba imela ka jalo o ne a tswa ka mogopolo wa gore e re le ntswa puso e ba duelela sephatlo, ba fiwe tetla ya go reka ba duela ka go kgaola madi kwa marekisetsong.
Fa a araba mangwe a matshenyego a bone, Rre Olopeng o rotloeditse mowa wa boipelego, mme a itlama go tsisa ditena di le lekgolo le disanke go simolodisa kago ya ntlwana.
Mokhanselara wa kgotla ya Mohakamme, Rre Gaefele Sedombo le ene o ne a itlama go tsisa koseni le lebati, fa khansele-potlana ya Tonota yone e itlamile go dira tse di setseng le banni.
Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Tonota, Mme Gakelebale Gabatwesepe o tlhalositse fa kgang ya metsi e sa tlhole e le kwa khanseleng mme a supile fa a tlaa fetisetsa thomo ya bone ya letlhoko la metsi kwa khamphaning ya metsi ya WUC. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Makomoto
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 12 Oct 2016






