Breaking News

Tona o kgothatsa beng ba masimo go a dirisa

12 Oct 2016

Tona ya tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Patrick Ralotsia, o kopile balemi barui bangwe ba ba sa diriseng masimo a bone go a adima kgotsa go hirisetsa ba ba senang masimo gore ba leme ba ntshe dijo.

Rre Ralotsia yo ebileng gape e le mopalamente wa Kanye Bokone, o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Gooraseno le Kebuang ka Mosupologo (Phalane a le lesome).

O boletse fa masimo ka bontsi a tlhogile ditlhare a sa dirisiwe mme batho ba bangwe ba sena masimo ba batla go lema.

A re puso e thapolotse letsogo ka go thusa ka mananeo a temo-thuo mme batho bangwe ba ntse moriti o tsididi fela ba sa leme, selo se a reng re tlama lefatshe leno go kopa dijo kwa mafatsheng a mangwe.

O rotloeditse balemi go ipopa ditlhopha kwa masimong a bone gore puso e ba thuse go ba epela didiba le go agelela masimo. A re fa ba phunyeditswe didiba, ba ka nwa metsi segautshwaneba bo ba nosetsa masimo fa pula e le boutsana.

A re masimo a fetogile mafelo a dirukutlhi di iphitlhang teng, le go oka diphologolo tse di senyang mo masimong.

O boleletse banni ba dikgotla tseo go tlhokomela masimo a bone fa ba sena go lema, a bolela fa bangwe ba lema ba bo ba tlogela masimo a sa tlhokomelwe ba ya go bereka Ipelegeng.

A re ba tsile go tsaya maina a batho ba ba phuagantseng masimo morago ga go lema mme ka nako ya dithuso ba bo ba sa thusiwe ka sepe.

O kopile gape gore beng ba leruo le bone ba le tlhokomele gore le seka la senyetsa batho.

Rre Ralotsia o boletse fa puso e ntsha madi a mantsi go thusa ka mananeo a temo-thuo jaaka go ntsha dipeo mahala, ISPAAD le tse dingwe.

Mo dikgannyeng tse dingwe, o buile ka go tswalwa ga moepo wa BCL kwa Selebi Phikwe gore ke kgwetlho mo Batswaneng ka gore ba tsile go latlhegelwa ke mebereko. O boletse fa moepo o ntse o na le mathata o sa tsenye sepe mo itsholelong.

O buile gape ka molao-kakanyetso wa go oketsa matona le bathusi ba bone le go fetola maina a maphata.

O lebogetse boipuso ja masome a matlhano bo jelwe sentle go sena dibelebejane.

Le fa gontse jalo ba Kebuang ba ngongoregile ka khampjhani e e duelang bagodi, ba bolela fa e sa ba duele sentle ebile ba gaisiwa ke poso.

Ba gooRaseno ba boletse fa badiri ba Ipelegeng ba sa dire tiro ya bone jaaka go solofetswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Oct 2016