Ba kopiwa go ntsha ba-na-le-bogole kwa mahure
12 Oct 2016
Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi o kopile banni ba Moshaweng go seka ba baya ba-na-le-bogole ka fa mahure gore le bone ba tle ba akole mananeo a puso jaaka Batswana ba bangwe.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi (Phalane a le lesome le motso) kwa motseng oo, Dr Mmusi o ne a tlhalosa fa go fitlha mo-na-le-bogole e le go mo rontsha ditshwanelo tsa gagwe ka jaana go na le mananeo a a faphegileng a a itebagantseng fela le bone.
O ne gape a kgothatsa morafe ka kakaretso go ikopela mananeo a puso a nyeletso lehuma le a go tlhama mebereko ka dipalo tse di kwa godimo ka jaana madi a a ka ba thusang a le teng.
A re batho go lebega ba ipeile fela mo lenaneong la Ipelegeng ntswa e se tiro e le fela go leka go ba tlodisa melatswana, mme a ba kgothatsa go leka mananeo a tshwana le la LIMID le a mangwe a nyeletso lehuma ka jaana maduo a one a ka nna a sennelaruri fa a tshwantshanngwa le la Ipelegeng.
Mo go tse dingwe, Dr Mmusi o ne a kgothatsa ba lephata la kabo-ditsha go letlelela banana go dirisa diphatlha tse di mo gare ga metse go simolola dikgwebo, a re ba ka dira jalo ka taelo ya gore ba seka ba dira madirelo a sennelaruri mme ba itse gore nako e setsha seo se batliwang ba tlaa fuduga.
A re se ke ka jaana diphatlha dingwe di kgona go nna dingwaga ngwaga go ntse gotwe di emetse go tlhabololwa mme go sena sepe se se dirwang mo go tsone.
Dr Mmusi o ne gape a kopa morafe wa motse oo le maphata a puso go lomagana gore ditirelo di tle di tsamae ka bobebe go ya kwa bathong, a re tsela nngwe ya go kgona seo e ka nna go tsosolosa dikomiti tsa bodirela-puso tsa motse.
Dr Mmusi o ne gape a tlhalosetsa banni ba motse oo fa letlhoko la dikoloi le apere lefatshe leno ka bophara. O ne gape a tlhalosa fa a tlaa latedisa gore ke ka go reng mananeo a puso a nyeletso lehuma a goroga ka boutsana kwa motseng oo.
O ne a tlhalosa jalo morago ga gore modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kagiso Bafitlhile a kae fa bontsi jaw bodiredi kwa motseng jaaka baoki le molemisi ba sena dikoloi, mme a re se se dira tiro ya bone bokete.
Rre Bafitlhile o ne gape a ngongorega ka bonya ja mananeo a nyeletso lehuma kwa motseng ntswa baikopedi ba sa bolo go sekasekwa.
Le fa go ntse jalo, Rre Bafitlhile o ne a lebogela maiteko a mangwe a puso jaaka go shafatsa mangwe matlo a borutelo kwa sekolong sa motse oo, matlo a mabedi a boroko, mme le fa go ntse jalo a kopa gore matlo ao a borutelo a okediwe ka jaana a santse a tlhaela. O ne gape a kopa gore kokelwana e okediwe e tsenngwe kamore ya pelegisetso.
Mooki mogolo wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Mme Midah Mogonono o ne a tlhalosa fa letlhoko la madi le dira thata gore kokelo eo e okediwe, mme a re ba lekile go oketsa bodiredi ja kokelo eo e le tsela nngwe ya go tokafatsa ditirelo.
A re koloi ya kokelo eo e sa le e ntshitswe mo tirisong ka ntlha ya gore e ne e setse e onetse thata mme e sa kgone. E rile a a fa malebo, mokhanselara wa kgaolo eo Rre Rutang Rasega a lebogela leeto la ga molaodi, a re mo nakong e ntsi fa ba buisa diphuthego tsa kgotla ba na le go palelwa ke go fa batho ditlhaloso tse di tsepameng ka jaana di a bo di batla bone balaodi ka sebele.
O ne gape a supa fa motse wa Moshaweng e le mongwe wa e metona mo kgaolong eo, mme ka jalo a re o tshwanetswe ke ditlhabololo tse o di lekaneg jaaka kokelo e kgolwane le go tshela sekontere ditsela tse di o lomaganyang le metse e e mabapi, bogolo jang wa Molepolole ka e le one o gantsi ba tsayang ditlamelo kwa go one.
Batho ba motse oo gape ba ne ba kopa gore ba fudusetswe kwa kgaolong ya Molepolole e nne gone kwa ba tsayang ditlamelo teng, ba re mo nakong ya gompieno ba di tsaya kgakala kwa Letlhakeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 12 Oct 2016






