Breaking News

Kgotla e tlaa ntsha katlholo ya Setsile

12 Oct 2016

Katlholo e mo go yone banni bangwe ba Setsile ba ikuetseng kwa lekgotleng la ditsheko tsa lefatshe kgatlhanong le ditshwetso tse di tserweng ke lekgotlana la kabo-ditsha la Mahalapye e tlaa ntshiwa mo bogaufing.

Tsheko eo, e mo go yone banni ba Setsile ba ngongoregelang tshwetso ya go fudusiwa mo ditsheng tse go bolelwang ba di beilwe ke dikgosana le balebeledi ba lefatshe ntleng le tetlelelo ya lekgotlana la kabo ditsha, e ne e tsene kwa kgotleng ya ditsheko tsa ga mmakaseterata kwa Mahalapye.

Bangongoregi mo tshekong eo, ke Mme Mmantukuna Thankane, Mme Lesedi Seane, Mme Keataretse Mpitse, Mme Keobonye Olaetse ,Mme Gomotsegang Orateng, Mme Lydia Simon, Rre Mmoniemang Orateng, Rre Cliford Phale, Rre Ketlogetswe Peter le Rre Wahimisa Kanangure. 

Ba ne ba kopa lekgotla go laela lekgotlana la kabo-ditsha go ba abela ditsha tseo sesha boemong jwa go ba fudusa ka jaana go sena  kwa ba ka nnang teng e bile ba sena madi a go aga sesha.

Ba re e re le ntswa ba dumela fa ba sa sala tsamaiso ya melawana ya go kopa lefatshe morago, ba kopa gore kgang ya bone e sekasekwe ka jaana ba beilwe ditsha tseo ke magosana le balebeledi ba lefatshe pele ga Setsile a tlhomamisiwa semmuso go nna motse.

E rile mmueledi wa lekgotlana la kabo-ditsha Mme Tekanyo Ogotse a tswa la gagwe, a kopa lekgotla la ditsheko go tsholola boikuelo jwa bangongoregi ka jaana  ba sa sala tsamaiso ya go abiwa ga lefatshe morago e bile a bolela fa go sena dikgosana dipe le fa e le molebeledi wa lefatshe yo a nang le thata kana tshwanelo ya go abela batho ditsha tsa bonno le masimo, ntleng le makgotlana a kabo-ditsha ka e le one fela a nang le thata ya go neela batho ditlankana.

A re e re ntswa batho ba Setsile le kgosana ya bone ga mmogo le balebeledi ba lefatshe ba ne ba tlhalosetswa mo diphuthegong tsa kgotla gore ba seka ba tswelela ka go tlhabolola ditsha tsa bone ka jaana ba ise ba bewe ka fa molaong, bangongoregi ba ne ba itlhokomolosa dikgakololo tsa ba kabo-ditsha ka go tswelela ka ditlhabololo le mororo ba itse fa ba sena ditlankana tsa ditsha tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng le Obakeng Molefhe

Location : Mahalapye

Event : Tsheko

Date : 12 Oct 2016