OLDM e rutuntsha bana ka ditiro tsa meepo
12 Oct 2016
Babereki ba moepo wa Orapa Letlhakane le Damtshaa ba lekalana la tsa ipabalelo, ba abetse bana bangwe ba dikole tse dipotlana tsa Kedia le Xere ditlhako le dikausu di le makgolo a mane ga mmogo le go ba ruta ka ditiro tsa meepo.
E rile fa a tlhalosa maikaelelo a bone, mogokaganyi mo go tsa tikologo, Rre Goitseone Mathape, a bolela gore ba dira se go diragatsa matshego a khamphani ya Debswana a Show You Care, Shape the Future and Pull Together.
Rre Mathape a re ba dira se go tsenya letsogo mo go thuseng setshaba se ba direlang mo go sone ba dira jalo ba ntsha mo dipateng tsa bone. A re maikaelelo ke gore ba thuse bana ba dikole ka go tokafatsa seemo sa bone sa botshelo go ba betlela bokamoso jo bo botoka.
A re ba dira se gape e le go rotloetsa bana gore ka moso e bo e le bone ba tshwereng ditiro tse di mo meepong le bone ba thusa ba bangwe.
E rile a ba amogela, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Kedia Mme Ontaletse Tape, a lebogela dimpho a supa fa di tlaa dira pharologanyo e tona mo matshelong a bana.
Le fa go ntse jalo, Mme Tape o ne a re ngwana yo o sa leleng o swela tharing, a bua jalo a supa gore motse wa bone ke o o kgakala le ditlamelo ka jalo ba na le matlhoko a mantsi a a akaretsang tsela, motlakase tlhaelo ya boroko, ofisi ya barutabana e nnnye, fenechara, mochine o o ntsifatsang dipampiri, didirisiwa tsa maranyane le didirisiwa tse dingwe tsa thuto.
Mme Tape o ne a ba kopa gore ba ise selelo sa bone kwa bogoging jwa khamphani gore gongwe ba ka ba sekegela tsebe letlhoko la bone.
A re seemo se se kgoreletsa tiro ya bone e bile go kgoba barutabana marapo.
A tswelela ka go kopa gore khamphani ya Debswana kana lekalana lengwe fela, ba ikabele sekole sa bone.
Babereki ba ne ba ruta bana ka ditiro tsa meepo ka go farologana ga tsone le gore motho o ka kgona go fitlhelela ditiro tseo fela fa a fentse thata dithuto tsa dipalo sekgoa le maranyane.
Mme Onkutlwele Motlogelwa wa maranyane a moepo, o ne a rotloetsa bana go sala morago ditoro tsa bone a re ba dire ka natla go di fitlhelela, a kgothatsa batsadi go ema bana nokeng.
Mokhanselara wa kgaolo ya Kedia/Mokobaxane, Rre Orapeleng Dikgang o ne a leboga babereki ba OLDM ga mmogo le khamphani ya Debswana go bo ba tsweletse ka go thusa setshaba le dikole tsa kgaolo e ba direlang mo go yone.
Rre Dikgang o ne a akgola ba lekalana la itshireletso go bo ba dirile tiro e ya bopelotlhomogi le lorato a re se, se supa fa ba kgathala.
O ne a rotloetsa bana le batsadi go tlhokomela dimpho tse gore di tle di nne le bokao mo matshelong a bone,a bo a rotloetsa bana go ithuta thata gore batle ba nne le bokamoso jo bo lolameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Kabong dimpho
Date : 12 Oct 2016






