Breaking News

'Nnang lesedi la lefatshe

11 Oct 2016

Mothusa motshwarelela bogosi jwa gaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse, a re Bakeresete ke lesedi la lefatshe.

Kgosi Seretse o ne a bua ko kalosong ya dithuto tsa Alpha kwa kerekeng ya Bethlehem City of Christ Church in Zion. Kgosi Seretse a re dithuto tsa Alpha di rotloetsa mowa wa lorato, popagano le thokgamo.

A re dithuto tse di lebane thata mo go tlhabololeng setshaba sa gaMmangwato le lefatshe la Botswana ka bophara.

Kgosi Seretse o ne a rotloetsa dialogane tsa dithuto tsa Alpha go tsenya mo tirisong dithuto tse ba di akotseng.

A re tswelelo pele mo setshabeng e ka tlisiwa ke lorato le popagano.Go ya ka morulaganyi  wa Alpha mo Botswana Mme Bekezela Maunze Alpha ke lenaneo la tshidilo maikutlo le go buseletsa setho.

Dithuto tsa Alpha go boletswe fa di fitlhelela batho mo dikgolegelong, dikole, mafelo a ditiro le dikereke.

Mme Maunze a re lenaneo le le ne la fiwa teseletso ya go direla mo dikgolegelong ke puso ka ngwaga wa 2010. O tlhalositse fa lenaneo le sidila ba ba mo dikgolegelong maikutlo le ba le ba thusa go lemoga le go tlhabolola dineo tsa bone.

Mme Maunze o ne a tlhalosa fa lenaneo le gape le ikaeletse go tsosa serodumo sa kereke ka go ruta lorato le mautlwelobotlhoko a Modimo.

O ne a tlatsa ka gore lenaneo le le na le bokgoni ja go aga setshaba ka le ama dithuto tsa manyalo le kgodiso bana magareng ga tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Gabosekwe

Location : SEROWE

Event : Kaloso ya dithuto

Date : 11 Oct 2016