Breaking News

Moroki o amule bothakga

12 Oct 2016

Mafoko a a reng 'tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng' a boammaruri mo go Mme Shono Mtekateka wa moroki.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mtekateka o tlhalositse fa tiro ya go sega le go roka kapari e le motlhala o mmaagwe e bong Mme Labone Malgas a fetileng mo go one.

A re mmaagwe o ne a fetisetsa neo ya go roka mo go ene le bo morwa-rragwe ba le barataro.  

Mme Mtekateka, yo o dingwaga di masome a mararo le borataro, a re botswerere le bokgeleke jwa go sega le go roka jo a bo amuleng mo go mmaagwe bo simologile ka ngwaga wa 1988 fa a dira lekwalo la botlhano kwasekoleng se sebotlana.

A re ka ngwaga oo, o ne a roka khiba e e itsegeng ka leina la “basadi botlhe” mme seo ya nna sone sebaka sa go godisa le go somarela se a se kwatabolotseng mo motsading wa gagwe.

A re bopelotelele jwa motsadi wa gagwe yo e leng mantswitswidi mo go segeng le mo go rokeng kapari  bo mo pepetleditse go fitlhela e nna moroki yo gompieno a itsegang ka go roka kapari e e duleng diatla.

O tlhalositse fa e rile ka ngwaga wa 2013 a ne a ikopanya le lephata la go neela banana dithata,metshameko le tlhabololo ya ngwao le ka nako eo le neng le bidiwa lephata la banana,metshameko le ngwao go kopa thuso ya madi go reka ditsompelo tsa go bula madirelo a go roka.
 

A re ka Modimo o sa je nkabo o ne a atlega mme a thusiwa ka P95000 go bula kgwebo ya go sega le go roka kapari e gompieno e dirang sentle mo motseng wa Kang mo kgaolong ya Kgalagadi bokone.

Mme Mtekateka a re ntswa madirelo a gagwe a le mo Kang bareki ba kgwebo ya gagwe ba aname le lefatshe leno.

A re kgwebo ya gagwe e farologana le ya ba bangwe ka ene a roka kapari yotlhe ka go farologana.

O kaile fa a roka kapari e tshwana le ya manyalo,dikhwaere, meletlo e e faphegileng le e moreki a ka e eletsang go e sega.                                                                                                                       

O supile fa ngwaga wa 2013 e ne e le mongwe wa dingwaga tse diatla tsa gagwe di neng tsa dira dikgakgamatso tse e leng ditso tse a ka sekeng a di lebale.

A re ka ngwaga oo, o ne a rokela bangwe ba bagolwane ba puso ya lefatshe leno e bong tona ya lephata la itshireletso, molao le thokgamo, Rre Shaw Kgathi le Mme Tebelelo Seretse yo e leng moemedi wa Botswana kwa lefatsheng la America.  

A re o ne a rokela Rre Kgathi  kapari ya boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa fa Mme Seretse a ne a mo rokela mosese o a neng a o dirisa ko America ka letsatsi la fa go ikanisiwa tautona wa lefatshe la America e bong Barack Obama.

Mme Mtekateka yo e leng monni wa Kang a re ka ngwaga oo, o ne gape a dira ditumalano le ba Miss Junior Botswana gore o tlaa rokela batsaya karolo ba kgaisano eo.

O tlhalositse fa tirisano mmogo ya gagwe le ba Miss Junior Botswana e e tsweletseng le gompieno e le e e lolameng mo e bileng a tsere tshwetso ya go nna mongwe wa barotloetsi ba kgaisano eo.
 

A re kgwebo ya gagwe e e itsegeng ka leina la ‘Shono Creations’ e ne ya tsenelela dikgaisano tsa ga Tautona tsa tshupo ya kapari  monongwaga mo kgaolong ya Kgalagadi kwa a neng a feta ka tse di tsididi a tsaya maemo a ntlha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : KANG

Event : Potsolotso

Date : 12 Oct 2016