Lephata la botsogo le isa ditlamelo kwa bathong
11 Oct 2016
Lephata la botsogo le boitekanelo le ne le tshwere phuthego kwa Letlhakeng, go tlhatlhelela setshaba ka ditirelo tse ba di fang setshaba kwa kokelong ya bone.
Mogolwane kwa kokelwaneng ya Letlhakeng, Mme Keodiretse Mochanang o ne a supa fa kokelwana ya bone e sa tswalwe, mme e bereka dioura di le masome a mabedi le bone, a tlhalosa gore go tloga ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya bosupa go ya kwa go ya masome a mararo go tlogela ya bone, ba fa ditirelo tse di tletseng, mme go tloga foo go sala batho ba se kae go letela balwetse ba tshoganetso.
Mme Mochanang o tlhalositse gore go tloga kwa nakong ya masome a mararo go tlogela nako ya bone ditirelo tsa go fa melemo di a tswalwa mme le badiri ba le bantsi ba fetsa tiro ya letsatsi, mme fa molwetse a tla o fiwa melemo e a tlaa e nwang letsatsi leo go letela go fiwa e e feletseng mo go le le latelang.
O supile fa ba tlhatlhobela madi, ba tlhatlhoba diphilo, ba belegisa, ba tlhatlhoba bokete jwa madi, go na le ditirelo tsa balwala tlhaloganyo, ba tlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo, ba tlhatlhobela loaro le le babalesegileng la borre, tshidilo maikutlo le gone go tlhatlhobela mogare wa HIV.
O supile gape fa ba fetisetsa baimana ba e leng lantlha ba belega le ba ba belegang bana ba botlhano le go feta kwa sepateleng sa Scottish Livingstone, ba direla gore ba tle ba bone ditirelo tse di feletseng teng le go hema dintsho tse di ka diragalang.
O boletse fa gape ba tlhaelelwa ke dingaka le dikoloi, ka jaana dingaka tse di leng teng e le ba ba tswang kwa mafatsheng a sele, mme ba tlhaelelwa ke baranodi, a supa fa seemo se se tlaa tswelela se ntse jalo go fitlhela dingaka tse di ithutelang bongaka kwa mmadikolo ba aloga.
Erile a ba kgwa dikgwaba, mongwe wa batsadi, Rre Moffat Gopadileng, o ne a supa fa ba itumeletse dithuto tse ba batsogo ba di ba neetseng a supa fa ba ipotsa gore ba ne ba ntse ba le kae ka tsone.
O supile fa a dumela gore baoki ba dira ba gogwa ke mowa wa Modimo.
Le fa go ntse jalo bangwe ba ne ba supa fa ba sa itumelele ditsamaiso dingwe tsa botsogo, ba supa fa ba na le go isiwa kwa ngakeng e e sa itseng Setswana mme go sena moranodi, ba supa fa ba felela ba boa ba sa itekodisa ka ntlha ya go sa utlwana.
Ngaka Ernie Lotowa, o ne a supa fa go tsamaya tsamaya ga bone mo kokelong, e le go lekola balwetse ba ba gateletsweng ba ba robaditsweng, a supa gore baoki ke bone ba ba bitsang ba lebile seemo sa molwetse, a supa fa ba tlhaloganya sentle gore se se kgopisa balwetse ka jaana ba a bo ba thuntshiwa ke ditlhabi, mme a kopa gore ba ba inele diatla metsing.
Fa a bua ka tebelopele ya lephata, Rre Kgotlayaone Magoutswane o ne a supa fa ba sa batle tshenyetso setshaba kwa lephateng la botsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Oct 2016






