Kgosi o lela ka letlhoko la metsi
11 Oct 2016
Kgosi ya Khekhenye kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Sekelere Kgope a re seemo sa letlhoko la metsi se se apereng motse wa gagwe ga se mo jese diwelang.
Kgosi Kgope a re malatsi a kgona go feta a le mane ba ise ba bone le fa e le thothi.
O kaile fa letlhoko la metsi le ama banni ba gagwe segolo jang bana ba sekole ka ba sa tsene dithuto tsa bone sentle ka ba felela ba busediwa kwa malwapeng.
Kgosi Kgope o ne a tswelela ka go supa fa letlhoko la metsi le ama gape le dikgwebo tsa banana tsa mananeo a a thusitsweng ka madi ke puso le a nyeletso lehuma, jaaka la kapeo ya borotho ka ba kgona go tlodisa letsatsi ba sa apaya ntateng ya letlhoko la metsi.
E rile a ama tse dingwe, a kaya fa a akgolela puso go bo e tlhapholotse letsogo go thusa banni ba motse wa gagwe ka mananeo a tshwana le la go roka, madirelo a go apaya borotho ga mmogo le go fiwa dikgomo le dipodi.
O kaile fa se se thusa banana go itshetsa gona le go kaila mo motseng ba sa dire sepe.
Kgosi Kgope o kaile gape fa a tshwenngwa ke maitsholo a banana mo motseng a re banana ba motse wa gagwe ba dirisa diritibatsi le nnotagi mo go feteletseng mme se, se dire gore ba dire ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka go thuba marekisetso a dijo le go gobatsana.
O ne a tswelela a re o ngomolwa pelo ke bana ba ba tswang mo sekoleng ntateng ya boimana ba ya go nna kwa merakeng le batsadi ba bone le ntswa ba le dingwaga tse di kwa tlase.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Rre Kadisa Balufi o supile fa a akgola lenaneo la Ipelegeng ka le ba thusa fela thata mo motseng go fokotsa letlhoko la ditiro le gone go tlhabolola motse.
O ne a tswelela a supa fa puso e thusa banana ba motse ka botswapelo ka mananeo a nyeletso lehuma le ntswa a tla ka boutsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boago Gaoatswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Oct 2016






