Breaking News

Kereke ya St John e tlotla Seepo

11 Oct 2016

Maloko a kereke ya St John Apostolic Faith Mission a ne a tshologetse kwa Letsholathebe kwa tirelong ya go sirolola sefikantswe sa ga Moruti Leungo Seepo ka Tshipi (Phalane a ferabongwe).

Mme Seepo, yo o neng a tshotswe ka ngwaga wa 1940, e ne e le mohumagadi wa ga Moruti Alfred Seepo yo ene a tlhokafetseng ka ngwaga wa 1984, morago ga gore ba etelele pele kereke ya Letsholathebe go simolola ka ngwaga wa 1965.

Go tlhalositswe fa mo phularong ya ga Moruti Seepo,  tumelo le mashetla a ga Mme Seepo a ne a mo kgontsha go sala a tsweledisa mosepele wa go etelela pele kereke eo le gone go godisa bana ba gagwe go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa 2010.

Fa a bua mo boemong jwa mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, Rre Elias Mbonini o ne a galaletsa bana ba ga Moruti Seepo go bo ba bone go tshwanela gore ba neele mmaabone tlotla e e kalo.

Mokhanselara Mbonini a re ba tshwanetse ba itumelela tiro e ba e dirileng ka jaana seo se rotloediwa le mo Baebeleng tota, a ba gwetlha gape go tlhokomela sefikantswe seo gore dikokomane tse di tlang kwa morago di se fitlhele.

O ne a supa fa go nna teng ga lelwapa loora Seepo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, go ne ga tlotlomatsa tumelo ya sekeresete mo kgaolong ka jaana batho ba le bantsi ba ne ba fetoga, ba itse lefoko la Modimo.

Rre Mbonini o ne a supa fa Moruti Mme Seepo e ne e le moruti wa popota, e bile e le motho yo o neng a rata go gakolola batho ba bangwe ka dinako tsotlhe.

Kgosana ya kgotlana ya Thomba kwa Letsholathebe, Kgosi Mpini Thomba le ene o ne a supa fa go nna teng ga lelwapa loora Seepo go tlisitse pharologanyo nngwe mo motseng wa Letsholathebe.

Kgosi Thomba a re go ka itumedisa thata fa bana ba lelwapa leo ba ka gata mo ditlhakong tsa batsadi ba bone.

Mongwe wa bana ba ga Moruti Mme Seepo, Rre Mokganedi Seepo o ne a leboga botlhe ba ba ba thologileng mokgosi mo tirong eo, a re seo ke go supa lorato lo lo seng kana ka sepe.

E re ka jaana Moruti Alfred Seepo ene a sa bolo go beelwa sefikantswe sa gagwe mo dingwageng tse di fetileng, moruti Badzani Mokgopo o tlhalositse fa bana ba lelwapa leo, ba tlhomamisitse gore ba tlhokomela diphupu tsa batsadi ba bone.

Moruti Mokgopo a re gape ba supile fa ba sekegela tsebe mafoko a a reng ‘tlotla batsadi ba gago gore malatsi a gago a okediwe’, a re seo e tshwanetse ya nna sekao mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : LETSHOLATHEBE

Event : Tshirololo ya sefikantswe

Date : 11 Oct 2016