Borukutlhi bo tshwenya kgosi
10 Oct 2016
Kgosi Piet Raditlhong wa Diagane kwa Mogoditshane o lela ka dikgang tsa borukutlhi jwa go kgothosa le go thuba matlo mo go golelang pele.
Kgosi Raditlhong o boletse mo potsolotsong fa kgotlana ya gagwe e tsweletse ka go amogela dikgang tsa borukutlhi jwa go kgothosa batho mo mebileng
A re batho ba tshabelelwa ke go kgothosiwa ka gore Diagane o mosha ka jalo ba fologa dipalamo tsa setshaba kgakajana le malwapa a bone.
A re mo dinakong tse dingwe le tsone dipalamo di a tlhaela, mme ba patelesege go tsamaya sekgelenyana go tshwara mosepele kwa dipalamong tse di tswang Mmopane le Metsimotlhabe.
Kgosi Raditlhong a re dikomiti tsa ntebele ke go lebele di phutlhame.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa erile bosheng a kopana le mapodisi go buisanya ka tsela e dikomiti tse di ka tsosoloswang ka yone.
Go sa le foo, Kgosi Raditlhong o supile fa go thubiwa ga matlo go le gontsi thata.
A re matlo a thubiwa bosigo le motshegare ka jaana banni bangwe ba bereka fa ba bangwe ba santse ba tlhabolola ditsha tsa bone.
O boletse fa go tlhoka go tlhabolola ditsha dingwe go rotloetsa borukutlhi ka dilalome di dirisa matlo a a sa felang go iphitlha mo go one.
Kgosi Raditlhong o kopile banana go sa nneng fela ka diatla gonne ba ka raelesega go dira ditiro tse di duleng mo tseleng.
O rotloeditse banana go ithaopa kana go tsaya mananeo a ga goromente mme ba kgone go itshetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : MOGODITSHANE
Event : Potsolotso
Date : 10 Oct 2016






