Breaking News

Go tlhwaafalela thuto go ka tlisa maduo a a molemo - Seipone

10 Oct 2016

Kgosi Basadi Seipone wa Kang a re fa thuto e tsewa ka tlhwaafalo e ka ntsha maduo a a molemo.

Kgosi Seipone o buile se ka Labotlhano (Phalane a supa) kwa kamogelong dietseele tsa bana ba sekole sa tiro ya diatla kwa Kang.

Kgosi Seipone a re fa moithuti a reetsa ditaelo tsa batlhatlheleladithuto le batsadi ebile a ithuta ka tlhwaafalo o tlaa roba maduo a a siameng. 

A re ke ka moo maikaelelo ape fela a a siameng ke gore moithuti a ikgethele isago e e ka tsogang e melediwa mathe ke ba le bantsi.

A re moithuti o tshwanetse go  ipolelela gore o tlaa sala melao ya sekole morago mme a tseye dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo.

Kgosi Seipone a re fa moithuti a laleditse Modimo mo go tsotlhe tse a di dirang go ya go neela maduo a a molemo. 

A re ka jalo, poifo Modimo ke botlhale. 

A re Modimo o ka go neela maatla le botlhale jwa go kgona dithuto go sena selabe sepe.

Fa a tswelela a ama baithuti ka lefoko, Kgosi Seipone a re sengwe le sengwe se o se dirang ka manontlhotlho le lerato se ka ngoka leitlho la mongwe golo gongwe. 

A re baithuti ba tiro ya diatla bone ba sego ka gore se ba se dirang ka diatla, maduo a teng a bonwa ke mongwe le mongwe. 

O ne a fa sekai sa gore, fa o agile ntlo ka manontlhotlo e ka kgatlha ba le bantsi mo go ka felelang go dira gore batho ba eletse go go thapa gore o ba agele mantlo, mme se se tokafatse botshelo jwa gago le ba o tshelang le bone.

Erile a ntsha lefoko la kgothatso le go leboga, mogokgo wa sekole se segolwane sa Motaung, Rre Tahwa Elias a supa gore maduo a sekole a isiwa tlase ke botlhokatsebe jaaka nnotagi le boitsholo jo bo sa siamang. 

A re go ipatla o bo o itshekatsheka o le moithuti ke selo se se botlhokwa thata mo dithutong tsa gago le botshelo ka kakaretso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : KANG

Event : Kamogelo dietsele

Date : 10 Oct 2016