Dirisang mananeo - Autlwetse
11 Oct 2016
Mothusa tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo Rre Kgotla Autlwetse, a re Batswana ba tshwanetse go dirisa mananeo a puso a tshwana ISPAAD le LIMID go ntsha dijo tse di lekaneng le go simolola dikgwebo tse di ka direlang banana ba lefatshe leno diphatlha tsa mebereko.
Rre Autlwetse yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, o boletse mo phuthegong ya kgotla ka Labone (Phalane a le malatsi a le marataro) kwa Dibete fa go ngomola pelo go bona tshaba ya Botswana e sa ntse e ikaegile ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe ntswa lefatshe leno le na le dingwaga di le masome a matlhano le ntse le ipusa.
A re e re ka lefatshe leno le wetswe ke seru sa go wela tlase ga theko ya ditswammung di tshwana diteemane le kopore e bile banana ba lefatshe ba tlhaelelwa ke ditiro, ke sone se mmuso o tsereng tshwetso ya go dirisa bontlha bongwe jwa madi a beilweng kwa mafatsheng a sele go simolodisa mananeo a tshwana le ISPAAD, LIMID le la go rudisa itsholelo ka maikaelelo a go inola Batswana mo lehumeng le go tsweledisa ditiro tse di neng di seegetswe kwa tlhoko ka ntlha ya letlhoko la madi.
Rre Autlwetse o rile le ntswa mmuso o dirisa nyelenyete ya madi go rotloetsa Batswana go inaakanya le temo-thuo ka e le yone mokwatla wa botshelo jwa Motswana, o swabisiwa ke gore batho bangwe ba phuaganya masimo le dihutshane tse ba thusitsweng ka tsone go ya go batla mebereko mo ipelegeng.
Mothusa tona yo a neng a patilwe ke badiri ba lephata la gagwe go tsweng Gaborone, Serowe le Mahalapye, o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba Dibete fa lephata la gagwe le na le thulaganyo ya go thusa balemi-barui go agelela masimo, go epela balemi didiba kwa masimo fa ba ipopile ditlhopha le go thusa ka ditrerata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso.
Mo phuthegong eo,banni ba Dibete mo go bone go le Kgosi Lekgatlhanye Mabua le mokhanselara wa kgaolwana eo Rre Patrick Botsang ba ne ba ngongorega ka tlhaelo ya lefatshe le ba ka lemang mo go lone, tlhaelo ya metsi mo motsing, letlhoko la boroko jwa badirelapuso e bile ba ngongorega ka go tlhoka go baakanngwa ga terata ya thibelo matlhoko a loruo kwa Dibete.
Ba re go tlhoka lefatshe le ba ka lemang mo go lone go ba rontsha go akola mananeo a puso e thusang Batswana ka one go tlhabolola matshelo a bone e bile ba bolela fa go tlhoka go baakanngwa ga terata e e kgaoganyang dikgaolo tsa gaMmangwato, Kweneng le Kgatleng go tlhotlheletsa bogodu jwa loruo jo go bolelwang bo apesitse barui kobo ka letshoba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : DIBETE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Oct 2016






