Breaking News

Ba tshwere thuto ga-e-golelwe ka natla

11 Oct 2016

Bomme ba Ntlhantlhe kwa kgaolong ya borwa ga ba ipone tsapa go tsenelela dithuto tsa gae-golelwe.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, morutabagolo Mme Seitebaleng Mothupi, o boletse fa a simolotse go ruta bagolo ka ngwaga wa 1983 go fitlhelela jaanong.

A re go ruta bagolo go botlhokwa thata ka se se solegela bontsi jwa bagolo molemo. Le fa gontse jalo, morutabagolo yo o tlhalositse fa sekolo seo se tsenwa ke bomme mme segolobogolo. O tlhalositse fa borre bone bale maoto a tshupa.

Mme Mothupi o boletse fa ba abetswe ntlwana ya borutelo ele nngwe mo sekolong se se botlana sa Ntlhantlhe mme ba sa kgone go dirisa ntlwana eo ka baithuti ba sa tlhole ba kgona go tsamaya sekgele se se leele.Go rarabolola seemo se, Mme Mothupi o boletse fa jaanong ba tsenelela dithuto mo lelwapeng la mongwe wa baithuti. 

A re dithuto tsa bone di tsena gabedi mo letsatsing; ka nako ya lesome go fitlhelela ya lesome le bobedi motshegare fa tsa maitseboa di simolola ka nako ya bobedi mo tshokologong go fitlhela nako ya bone.

Mothupi a re baithuti ba gagwe ga ba ithute go bala le go kwala fela ,ka jaana ba tsenelela dithuto tsa tiro-ya-diatla Laboraro mongwe le mongwe ko ba ithutang go roka, go loga, go kgabisa le tse dingwe fela jalo.

Morutabagolo yo o tlhalositse fa ba fiwa dibuka ke motlhokomedi wa bone yo nnang ko Ranaka fa tse dingwe ba di kopa mo sekolong se se potlana sa Ntlhantlhe. 

Fa ba tswa la bone, baithuti bane ba lebogela thata thuto e ba ifiwang ba bolela fa e tlisa pharologanyo e ntsi thata mo matshelong a bone. Ba boletse fa jaanong ba setse ba kgona go ipalela baebele, kopelo le gone go itshaenela mekwalo e e botlhokwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olerato Abram

Location : NTLHANTLHE

Event : Potsolotso

Date : 11 Oct 2016