Breaking News

Ba lephata la thuto ba phepafatsa Malwelwe

10 Oct 2016

Ba lephata la thuto kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, ba ne ba phepafatsa motse wa Malwelwe le go abela batlhoki diaparo.

E rile a amogela baeng kwa kgotleng, Kgosi Bokau Tobe wa  Malwelwe, a leboga Modimo gore a bo a ba kopantse go tla go phepafatsa motse wa gagwe.

Erile a bua ka moono wa letsatsi, mogolwane mo lephateng la thuto kwa Letlhakeng, Rre Ndineni Mbuso, o ne a supa fa Tautona wa lefatshe leno a ba romile e le badirelapuso go isa ditlamelo kwa bathong.

Rre Mbuso are gore thuto e nne e e siameng setshaba se tshwanetse gore se ba tshephe, a supa fa barutabana ba tshwana le babetli ka ba a fa bana lesedi, gore ba tle ba nne se ba tlaa nnang sone kamoso.

O supile fa a file barutabana ba sekolo se sebotlana sa Malwelwe gore ba batla maduo a a fetang  borataro mo lesomeng mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa monongwaga, a supa gore sepe se se kwa tlase ga seelo seo ga se amogelesege.

Rre Mbuso o tlhalosistse fa go  tlhabolola motho go simolola ka thuto, mme go le botlhokwa go fa bana thuto ba sale ba botlana, gore e ba tshetse fa ba gola.

Erile ba sena go phepafatsa motse oo, ba aba diaparo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : MALWELWE

Event : Phepafatso motse

Date : 10 Oct 2016