Monna o bolaile mogolowe
10 Oct 2016
Mookamela mapodisi a Good Hope, Superintendent Mogomotsi Kwapa a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bofera bongwe a tlhokafetseng morago ga gore a tlhoke kutlwisisano le monnawe wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro.
Superintendent Kwapa a re tiragalo e, e diragetse bosheng kwa kgotleng ya Mathiba. A re rre yo motona o ne a kgalemela monnawe a utlwa a tsositse modumo mo lwapeng, mme monnawe a mo itaya ka lebole, a wa a bo a idibala. O ne a ragogesediwa kwa kokelwaneng ya Mmathethe, kwa a neng a fetisediwa kwa kokekolong potlana ya Good Hope.
Superintandant Kwapa a re le kwa Good Hope ba ne ba leka go mo fitisetsa kwa Marina mme ka maswabi ba felela fa sepateleng sa Athlone kwa ba bongaka ba neng ba rurifaditsa gore o tlhokafetse.
Superintendent Kwapa a re modiradilo o setse a itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme o santse a tshegeditswe ke mapodisi.
E re dikgang di eme jalo, Superintendent Kwapa a re ba begetswe tiragalo e nngwe e mo go yone, rre mongwe a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng morago ga go begwa ke mofiti ka tsela morago ga letsatsi la boipuso.
A re moswi o ne a le dingwaga tse di masome a mabedi le borataro a tlholega kwa kgotleng ya Tebogo gone kwa Mmathethe.
A re rre yoo go bolelwa a tsamaile maitseboa a letsatsi la boipuso , morago ga gore a omane le rraagwe a leka go mo kgalemela a bona a sa itshware sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 10 Oct 2016






