Breaking News

ISPAAD e tsweletse kwa Bobonong

09 Oct 2016

Modiri wa lephata la temo le leruo kwa Bobonong a re lenaneo la ISPAAD le tsweletse sentle.

Rre Moreetsi Mogolo o buile se kwa moletlong o o neng o rulaganyeditswe go abela balemi ba masimo a Bobonong borwa dietsele ka Laboraro (Phalane a tlhola ga tlhano).

O gwetlhile balemi go inaakanya le temo monongwaga ka dipego di supa fa pula e le ntsi.

Rre Mogolo a re balemi ba tshwanetse go dirisa dipeo tse ba nang le tsone jaaka Sekgwathama le mororo puso e tsweletse ka go ba ema nokeng ka go ba neela peo.

O gwetlhile balemi go oketsa ditema tse ba di lemang kwa masimo a tlatsa ka gore bontsi jwa balemi ba kgaolo ya Bobirwa ba tlwaelesegile thata ka go lema diekere tse di nyennyane.

Rre Mogolo a re go botlhokwa gore balemi ba tlhatlhobe mmu wa masimo a bone ka seo se ka ba neela sebaka sa go itse gore mmu wa tshimo o tlhoka monontshane wa mofuta ofe gore o kgone go ntsha dijalo tse di nonofileng.

A re puso e supile fa balemi ba ba tlhatlhobileng mmu wa ditshimo tsa bone ba tla neelwa menontshane monongwaga.

Rre Mogolo a re puso e ikaeletse go thusa balemi ba ba epileng didiba go gokela metsi mo masimong.

A re puso e na lenaneo le e thusang balemi go agelela masimo a tlatsa ka go supa fa mo lenaneong leo, molemi a duela bontlha bongwe jwa madi a tereta fa puso yone e duela bontlha jo bongwe.

Rre Mogolo o gwetlhile balemi go tsena ditshupo tsa temo le leruo a tlatsa ka gore ditshupo tseo di neela molemi sebaka sa go abelana maele a tokafatso temo ya gagwe le balemi ba bangwe.

O supile gape fa ditshupo tseo di neela molemi monyetla wa go ka ipapatsa segolojang fa e le molemi wa mogwebi.

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa masimo a Bobonong borwa, Rre Peter Mavona o ne a re  tlhokomelo ya masimo ke balemi e  kwa tlase ka jalo a supa fa monontshane wa tshimo e le mong wa yone.

Rre Mavona a re molemi wa tlhwatlhwa kana yo o tlhwaafetseng o epa sediba a bo a aga le ntlwana ya boitiketso.

A re bontsi jwa Batswana ga ba ise ba kgone go lema dijo tse ba ka itshetsang ka tsone tsa ba tsa jesa lefatshe.

Rre Mavona a re sesupo ke gore gangwe le gape bontsi jwa Batswana ba bonwa ba tlola melelwane go ya go reka merogo le maungo kwa South Africa.

A re go tswa goo lowe Batswana ba ntse ba dirisa ditonki e bile gape ba na le dijokwe le matege mme mo nakong ya gompieno didirisiwa tseo ga di sa tlhole di le teng ka jalo a supa fa lenaneo la ISPAAD fa le ka emisiwa bontsi jwa Batswana ba tsile go tshelela mo lehumeng.

Fa a latlhela la gagwe mothusa modulasetilo wa masimo a Bobonong borwa, Mme Morongwa Oratile o supile fa metsi mo masimong a bone e le kgwetlho ka didiba di kgadile.

Mme Oratile o tlhalositse fa bontsi jwa balemi ba tsaya metsi mo Bobonong go ya go nosa leruo.

O gwetlhile balemi go naya masimo a bone lerato a tlatsa ka gore tshimo fa o e rata le yone e a go rata ka jalo e go neele dijalo tse di molemo.

O kopile balemi go tlhagola masimo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Kabo dietsele

Date : 09 Oct 2016