Breaking News

Lelatisitswe o lekola kgaolo

09 Oct 2016

Mopalamente wa kgaolo ya  Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, o roletse banni ba Mmea le Mokubilo  tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng .

Rre Lelatisitswe o buile jalo fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo ka Labone (Phalane a le malatsi a le marataro).

A re mengwe ya melao e e dumetsweng ke wa maloma tsebe o a reng ka one golekwa go fokotsa dikgang tsa tshenyetso setshaba  ka jaana go lemogilwe gore Batswana ba tswa kgakala ba bona dilo mme ba tshaba  go bua.

Mopalamente a re motho yo o tlaa lomang tsebe o tla bo a sireletsegile gape go na le gore yo o sa begeng nnete go tla dirwa jang.

Rre Lelatisitswe a re  molao  o mongwe  ke molao paakanyo  wa tsa pereko o o amang babereki ba ditiro tse di faphegileng.

A re barutabana ba tsentswe mo teng go lebeletswe  gore lefatshe leno le santse le  fatlhoga mme thuto ke yone e e ka le ntshang mo lehumeng.  

A re fa barutabana ba ka  tsena mo ngalong ditiro go ka ama thuto.

Lephata la matlhoko a leruo le lone le tsentswe go lebilwe gore lefatshe leno le ikaegile ka temo-thuo jaanong fa go ka tlhagoga malwetse babereki ba le  mo ngalong ditiro go ka baka tatlhegelo e kgolo mo thekisong ya nama,ga mmogo le lephata  la CTO tiro e ka ema go sena petorolo.

Rre Lelatisitswe a re molao o mongwe ke wa Botswana Regulatory Energy Authority mme o  tlaa bo o itebagantse le go  laola dikgwebo tsa motlakase gore Batswana ba seka ba jewa ntsoma le go tsenya phadisanyo ya motlakase le wa koketso ya maphata le mapalamente a a itlhophetsweng.

Rre Lelatisitswe a re go ne go tserwe  mapalamente mangwe go ya go bona mochine o wa ditlhopho gore  o bereka jang.

Kgosi wa Mmea, Rre Polson Keitlhaganetse o ne a supa fa a tshwenngwa ke  ka fa babereki  ba poso ba dirisanang le bagodi ka teng a tlholosa gore ba re fa mogolo  a palelwa a rwalwe ka keriba gore a ye go amogela .

Kgosi Keitlhaganetse a re  lenaneo le la babereki ba poso  o bona e le go sotla le go gakatsa seemo sa botsogo jwa bagolo.

O ne gape a re  bagodi ba ba duelwang ke ofisi  ya dikamogelo tsa bagolo (Pensions) ga ba bone madi a bone faesale mmereki  mongwe a fodusiwa  .

Monni wa Mokubilo, Rre Thatayaone Tabue a re ba sale ba kopile ditotoma tse di fokotsang lebelo (Speed Hampa) ka gore tsela ya Orapa/Francitown e ralala motse wa bone.  

O ne gape a re ka molao wa ditsela sekontere se tshwanetse sa felela ko kgotleng a re ba kopa gore se tsenngwe ka go tsentswe pavement.

Rre Tabue o ne gape a botsa gore  kgang  ya Pre School  kwa Mokubilo e tsamaya fa kae. O  ne gape a supa fa ba tshwenngwa ke semorafe mo motseng wa bone se a reng se busetsa ditlhabololo ko morago.

Banni ba ne  ba lela ka diphiri ba re di ba jela loruo mme ga di na phimolo dikeledi ba re ba kopa gore di  akarediwe mo go tse di phimolelwang dikeledi  ka gore di bolaya maiteko  a lenaneo la nyeletso  lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 09 Oct 2016