BoFiNet e tlaa atolosa maranyane
09 Oct 2016
Khamphani ya maranyane a ditlhaeletsanyo ya BoFiNet e tlaa atolosa kanamo ya boranyane jwa ditlhaeletsanyo kwa Shoshong.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Shoshong bosheng, Rre Chidzi Butale yo e leng mogolwane wa Royal Pioneers e e thapilweng ke BoFiNet go dira dipatlisiso tebang le katoloso e, o tlhalositse fa maikaelelo magolo e le go tokafatsa seemo sa boranyane ja go nna jaana mo motseng.
Rre Butale o ne a tlhalosa fa go tlaa gokelwa megala ya maranyane a a tokafaditsweng e e tlwaelesegileng ka go bidiwa fibre cables e e leng yone mmangmang mo go tokafatseng tsamaiso le tiriso ya ditlhaletsanyo tsa megala le dikhomputara.
A re go tlaa tlhongwa tshipi ya maranyane ya boleele jwa dimithara tse di masome mararo le borataro go pata e e setseng e le teng mo motseng, a tlatsa ka gore e tlaa atolosa boranyane (signal) jwa ditlhaeletsanyo ka bophara jwa dikhilomithara tse tlhano.
O ne a tswelela ka gore maranyane a go nna jaana a ntse a tlhaela mo Botswana ke sone se go tsilweng ka lenaneo la go a atolosa go ralala lefatshe leno, a tlatsa ka gore e bile gape ke one a a dirisiwang ke mafatshe a mangwe ka jalo se se tlaa thusa gore Botswana a seka a salela kwa morago ka ditlhabololo tsa go nna jaana.
Rre Butale o ne a supa gape gore bomosola jwa maranyane a, a go solofetsweng gore tiro ya go a gokela e simologe ngwaga o o tlang ka Hirikgong ke gore a bofefo e bile a fokotsa kgaogo ya ditirelo tse di tsamaisanang le boranyane jwa dikhompiutara jaaka internet le tse dingwe tse di leng teng mo motseng di tshwana kgolagano (network) ya megala ya letheka.
Mokhanselara wa Shoshong North, Rre Gabaresepe Mhutshiwa o ne a akgolela kompone e go bo e bone maleba go tsisa ditlhabololo tsa go nna jaana mo motseng, a re e bile di thusa go fokotsa letlhoko ka go tlhamela banni diphatlha tsa mmereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 09 Oct 2016






