Breaking News

Kgangyame o itshetsa ka matlalo

10 Oct 2016

Rre Tiroyaone Kgangyame a re tiro ya diatla e ka thusa go somarela ngwao, go tlhama ditiro le go tswakanya itsholelo.

Rre Kgangyame, yo e leng mo-na-le-bogole  o rotloeditse ba-na-le-bogole ba bangwe ba ba nang le boitseanape le bokgoni go ema ka dinao go itshetsa ka tiro ya diatla.

Fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Kgangyame o tlhalositse fa kgwebo ya go roka ditlhako, dibeke, dikgwama le mabante ka matlalo, e le tsela ya go somarela ngwao e bile e na le dipoelo tse di nametsang.

Rre Kgangyame a re puso e ne ya mo ema nokeng thata ka thuso ya bongaka go alafa bolwetse jwa kankere jo bo bakileng go kgaolwa ga leoto la gagwe la moja ka ngwaga wa 2004.

Rre Kgangyame, yo e leng mookamedi wa kgwebo ya Tanki-Thuso, o roletse puso hutshe ka maitlamo a go tswelela e mo isa sekoleng kwa Thuso Rehabilitation Centre, kwa Maun kwa a neng a ithuta tsa kgwebo ya matlalo le temo-thuo ka ngwaga wa 2008 go fitlhela 2010.

A re o ne a rutwa gape go tlhama le go tsamaisa kgwebo kwa Thuso Rehabilitation Centre.

Ka jalo o ne a bitsa kgwebo ya gagwe Tanki-Thuso a tlhalosa fa  puso e ne ya mo fa madi ka lenaneo la nyeletso lehuma mme a simolola kgwebo ya gagwe ka ngwaga wa 2010.

A re mo dingwageng tse thataro a ntse a le mo kgwebong, o kgonne go ikagela ntlo ya bonno le go reka didirisiwa tsa lelwapa mme o tshela botshelo jo bo siameng e bile bo na le seriti.

Rre Kgangyame a re o godisa kgwebo ya gagwe ka go bontsha batho tse a di dirileng jaaka dikgwama, mabante, dibeke le ditlhako a tlatsa ka gore re a roka re bo re baakanya ditlhako tsa matlalo mme o direla ba manyalo thata le mongwe le mongwe fela.

A re o dirisa matlalo a ditshephe le dikgomo, a a rekwa ka fa molaong mme o kgadile a sa kgwe mathe bogodu jwa diphologolo.

Le mororo go ntse jalo, Rre Kgangyame a re kiteisanyo borathana e gagametse mme ene o thusiwa ke gore, tiro ya gagwe e a ipuelela ka bontle le boleng jwa yone a tlhalosa fa  a godisa kgwebo ya gagwe ka go bolelela batho le go tsena dikgaisano le ditshupo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Karabo Molosi

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 10 Oct 2016