Kgosi Puleng o itumelela kgatelopele
06 Oct 2016
Mothusa kgosi ya Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a re o leboga puso ka ditlhabololo tse di tsweletseng mo motseng wa gagwe.
Kgosi o buile se mo potsolosong le lekalana la BOPA kwa Letlhakeng bosheng.
A re ditlhabololo tse di akaretsa go dirwa ga ditsela tsa mo mekgwatheng, kgopho ya metsi a a leswe, katoloso ya sekole se segolwane sa Mphuthe e e akaretsang go agiwa ga matlo a borutelo le a boroko jwa barutabana ga mmogo le go tsenngwa ga dipone mo mekgwatheng.
Kgosi Puleng o boletse fa ditlhabololo tse di gatetse pele ka dingwe jaaka go dirwa ga ditsela di tsamaela go fela, mme go tsenngwa ga dipone tsa mekgwatha e le gone go iseng go simololwe.
A re ditlhabololo tse di thusitse thata beng gae segolo bogolo banana ka di ba tlhametse mebereko, mme a re selo se, se tlaa thusa go menagane mo go tsholetseng itsholelo ya motse oo.
O boletse fa a leboga puso go bua ka lentswe le le kwa godimo gore dikonteraka tse di fiwang ditiro mo mafelong ka go farologana di dirise beng gae go dira ditiro tse di sa tlhokeng boitseanape jo bo rileng.
E re ntswa banni bangwe ba motse oo ba le sebete se molangwana ka go ranyega ga matlo a bone mo go bakilweng ke didirisiwa tse di neng di dira tsela, Kgosi Puleng o tlhalositse fa khansele-potlana ya Letlhakeng e buisantse le konteraka e e dirang ditsela mme sengwe le sengwe se se amang kgang eo se le malala a laotswe.
A re banni ga baa tshwanela go tshwenyega ka kgang eo ka gore e itsiwe ke ba bogogi, khansele le yone kompone tota.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Puleng o weditse ka go supa matshwenyego mo dikgannyeng di tshwana le boitshwaro jwa banana le go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla ga bone.
A re banana ba tsaya nako e ntsi ba le mo nnotaging le tiriso botlhaswa ya diritibatsi, selo se a reng ga se berekele go gola ga motse.
O rotloeditse banana go tsena diphuthego le go inaakanya le ditiro tsa motse gore ba tsenye letsogo mo go tlhabololeng motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : LETLHAKENG
Event : interview
Date : 06 Oct 2016






