Breaking News

Dikgosi ke tsone di ka dibelang bogosi - Puso

06 Oct 2016

Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi,Kgosi Puso a re go mo maruding a dikgosi go dibela bogosi.
Kgosi Puso a re e bile ke tsone di ka tlhamalatsang bogosi  gore dikokomane tse di tlang di fitlhele  bo le mo tseleng.
A re mo Setswaneng  fa kgosi e beilwe ke morafe, fa morafe  o sa ba tle e suta mo setilong ga e sute go fitlhelela  e tsena ka lebitla.
A re e le Ntlo ya Dikgosi ba tswa kgakala ba leka go busetsa seriti sa dikgosi.
Kgosi Puso o buile se fa a  tsibogela matshwenyego  a go tlhophiwa ga dikgosi a a neng a supiwa ke Kgosi Mokhutshwane Sekgoma,  fa maloko a Ntlo ya Dikgosi  a etetse kwa kgotleng ya gaMmangwato kwa Serowe ka Labobedi.
Kgosi Mokhutshwane  o ne  a supa fa bogosi bo tsalelwa e bile e tshwanetse go ntshiwa  mo setilong ke leso fela eseng go beelwa dingwaga tsa  go nna mo setilong.
“Fa re ka bo re ikitse,go ka bo go sena  go tlhophiwa ga dikgosi,ka mo Setswaneng bogosi bo tsalelwa,”Kgosi Mokhutshwane a tlhalosa.
Mo go tse dingwe Kgosi Puso o tlhalositse fa Ntlo ya Dikgosi e  gakolola puso mo mererong e e amang Setswana le ngwao. A re melao yotlhe  e e amang merero ya Setswana  le ngwao e feta pele kwa Ntlong ya Dikgosi pele e fetela kwa  palamenteng.
O ne a tlhalosa fa ntlo eo e batla go sekwasekwa molao o o tsamaisang Ntlo ya Dikgosi.
Morago,ga go etela kgotla ya gaMmangwato, maloko a  Ntlo ya Dikgosi a ne a etela mabitla a bogosi le lefelo la ditso la Khama III Memorial Museum.
Modiri (curator) mo Khama III Memorial Museum, Rre Scobie Lekhutile  o ne a tlhalosa  gore pele  ga ngwaga wa  1923, dikgosi di ne di bolokelwa mo lesakeng e bile e nna sephiri gore kgosi e fithetswe mo sakeng lefe.
Rre Lekhutile  a re se se ne se direlwa gore fa go na le bangwe ba ba botlhabetsi mo morafeng  ba seka ba itse gore kgosi ya bone o fithetswe kae.
 A re se se ne sa fetoga ka 1923 morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Khama wa boraro,mme ga dirwa mabitla a bogosi.
Maloko a ntlo ya dikgosi a ne gape a etela Khama Rhino Sanctuary Trust. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : SEROWE

Event : Kgotla Meeting

Date : 06 Oct 2016