Baruti ba rapelela baithuti
06 Oct 2016
Mo maitlamong a lekgotla la baruti a go nna le seabe mo go ageng setshaba, baruti ba ne ba ya go rapelela le gone go kgothatsa bana ba sekole se se botlana sa Teemane mo Jwaneng jaaka ba ipaakanyetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa lokwalo lwa bosupa.
Fa a baya baithuti lefoko la kgothatso, Moruti Malebogo Moyo o ne a ba kgothatsa go dumela mo bokgoning jwa bone le gone go kgaphela ntle letshogo le a kaileng fa le ka kgoreletsa dikakanyo tsa bone le gone go gakologelwa se ba se rutilweng ke barutabana ba bone.
O kaile fa tsholofelo le go dumela mo bokgoning jwa bone go tlaa ba thusa go tlhaloganya le go araba ditlhatlhobo ka botlalo.
Mme Moyo o ne a tswelela a ba kgothatsa go kgathologa dilo tse di ka ba itayang tsebe jaaka ditsala, metshameko le tsa maranyane fa ba kwala ditlhatlhobo a kaya fa ditlhatlhobo di tlhokana le tlhaloganyo e e bulegileng e bile e sa tshwenngwe ke sepe.
O buile fa go nna le ditoro tse di kwa godimo le gone go dumela fa ba ka nna baeteledipele ba kamoso go ka ba thusa thata gore ba kgothale go bona ditoro tsa bone di direga. Moruti Moyo o ne a gwetlha baithuti go nna sekao mo baithuting ba bangwe ka go fenya ditlhatlhobo tsa bone, a kaya fa phenyo ya bone e tlaa kgothatsa le gone go tsholetsa serodumo sa sekole sa bone le sa batsadi ba bone.
O ne a boa a ba gwetlha go tswelela ba bala le fa ba emetse maduo a lokwalo lwa bosupa a bua fa go dira jalo ele go ipaakanyetsa dithuto tsa bone tse dikgolwane. Mongwe wa baithuti Gorata Moswate o buile fa go kokoanelwa ke baruti ka thapelo le lefoko la kgothatso go thusitse go nyeletsa letshogo la go kwala ditlhatlhobo, a kaya fa e le netefatso ya gore boeteledipele bo ba eme nokeng mo go boneng fa ba nna le bokamoso jo bo molemo. Moithuti yo o ne a tswelela a bua fa a kgothetse thata go bala e bile a na le tumelo e e kwa godimo gore o tlaa fenya ditlhatlhobo tsa gagwe ka maemo a ntlha. Mogokgo wa sekole, Rre Kebonethebe Makgatlhe le ene o ne a iteela kobo moroko mafoko a moithuti wa gagwe a kaya fa dithapelo le dikgothatso tsa baruti di tlaa thusa baithuti go kgothala le gone go nna le tshepho mo go se ba se ithutileng gore ba tle ba kgone go fenya lokwalo lwa bone lwa bosupa.
O ne a leboga baruti go reetsa kopo ya bone le kemonokeng e ba e neetseng sekole le baithuti, a bua fa thuto e ka kgonwa ke go tshwaraganelwa ke banaleseabe botlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : JWANENG
Event : Ipaakanyetso ditlhatlhobo
Date : 06 Oct 2016






