Kalakamati e tlaa tlhopha mokhanselara
05 Oct 2016
Ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana ya Kalakamati kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima di tlaa tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabongwe.
Seno se tlhomamisitswe ke mogolwane go tswa mo ofising ya ditlhopho kwa Masunga, Rre Salini Bafaneli mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo.
O ne a tlhalosa fa go kwadisiwa ga maina a bontlhopheng go tlaa dirwa kgwedi eno e le malatsi a supa kwa sekoleng se segolwane sa kwa Sekakangwe go simolola ka nako ya borobabongwe mo mosong go ema ka nako ya bongwe le magareng ga nako ya masome a mararo morago ga nako ya bobedi le nako ya botlhano.
Ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana ya Kalakamati, e e akaretsang metse ya Kalakamati, Sekakangwe le Mbalambi di tlaa jaana morago ga go tlhokafala ga mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Israel Samu ka kgwedi ya Phatwe e le malatsi mane.
Rre Bafaneli o tlhalositse fa ofisi ya gagwe e le malala a laotswe, mme a supa fa ba setse ba simolotse e bile ba tsweletse ka go rutuntsha botlhe ba ba tlaa bong ba na le seabe mo ditlhophong tseo.
A re bosheng jaana ba ne ba tsaya matsapa a go ya go buisa batlhophi, baemedi ba diphathi tsa sepolotiki ga mmogo le banaleseabe botlhe kwa metseng eo ya Kalakamati, Sekakangwe le Mbalambi.
Rre Bafaneli a re e tlaa re kgwedi eno e le lesome le boferabobedi le e le lesome le boferabongwe, go rutuntshiwe batsamaisi, batlhophisi le bao ba ba tla bong ba bala ka letsatsi la ditlhopho.
O tsweletse a tlhalosa fa mo nakong eno, ofisi ya gagwe e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go direla batlhophi meriti ya dikarata tsa tlhopho, tse di neng di dirisiwa mo ditlhophong tsa 2014, a re go supagala fa bontsi jwa batlhophi ba latlhile dikarata tseo.
E re dikgang di eme jalo, e ne ya re kgwedi eno e tlhola malatsi a mane, khansele ya Bokone Botlhaba ya bo e rulagantse thuto seka dipuisano ya go rutuntsha makhanselara a kgaolo ka dikgang tse di amanang le tsamaiso ya madi a khansele.
Mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Rachel Jeremia o ne a tlhalosa fa maikaelelo e ne e le go rutuntsha makhanselara gore ba nne le lesedi tebang le thulaganyo ya tsamaiso ya madi gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di nitameng kwa diphuthegong tsa khansele le kwa dikomiting tsa bone.
Mme Jeremia o boletse gape fa maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go tsibosa makhanselara gore ba tlhaloganye ditsamaiso tsa madi a di Imprest, Advance le tse dingwe tse di amanang le tsa kadimo ya madi.
Mothusa mokwaledi wa khansele a lebagane le tsa madi, Rre Sebonego Mosinyi o ne a alela makhanselara ka boikarabelo jwa khansele, a supa fa khansele e bereka ka maphata a le mmalwa a a itebagantseng le go isa ditirelo tse di farologaneng tsa letsatsi le letsatsi kwa setshabeng.
Mogolwane go tswa mo ofising ya tsa madi mo khanseleng ya Bokone Botlhaba, Mme Basipo Madandume a re go botlhokwa gore makhanselara ba itse dilo tse ba tshwanetseng go di lebelela fa modiri wa tsa madi a ntsha pego ya tsa madi, a re seo se tlaa ba thusa gore ba netefatse gore ditsamaiso le dibuka tsa madi di mo maemong a a siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : interview
Date : 05 Oct 2016






