Breaking News

Mapodise kwa Mabutsane a tlhotlhomisa petelelo

05 Oct 2016

Mapodisi a Mabutsane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone a neng a betelelwa ke monna mongwe wa dingwaga tse di fa gare ka letsatsi la boipuso.
Mookamela mapodisi a Mabutsane Superintendent Keitshokile Kebodiretswe o boletse mo potsolotsong gore mme yoo, wa motse wa Sekoma, go bolelwa a ne a ile maitisong kwa polasing ya Thubane mme mmelaelwa a mo sala morago moso wa letsatsi le le latelang a bo a mo gobatsa pele ga go itseela dikobo mo go ene ka dikgoka.
O boletse fa mmelaelwa, yo go bolelwang e le mmereki kwa polasing eo, a ise a tshwarwe mme ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse.
E ntse e le gone ka letsatsi la boipuso, Superintendent Kebodiretswe o boletse fa lekawana lengwe le ne la tlhabiwa ke mosimane wa dingwaga tse di lesome le bosupa ka sengwe se se bogale kwa maitisong kwa motseng wa Mahotshwane.
A re go bolelwa fa bobedi joo bo ne bo tlhokile kutlwisisanyo ka mosetsana mongwe mme ba felela ba lole. O boletse fa lekawana leo le robaditswe kwa kokelong ya Jwaneng fa mmelaelwa a tshegeditswe ke mapodisi .
E ntse e le ko Mahotshwane, Superintendent Kebodiretswe a re ba ne ba tshwara mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa morago ga gore a tlhabe mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome a mabedi  ka thipa.
A re tiragalo eo e diragetse mosimane a ne a leka go tlhaba mosetsana mme ga felela go tlhabiwa ene.
A re mosimane o ne a isiwa kwa kokelong fa mosetsana ene a gololwa mme go sa ntse go emetswe go tlhomamisa dingwaga tsa gagwe. O boletse fa mo ditiragalong tsa go tshwana le tse, ba sepodisi ba dirisanya le ba boipelego go sidila babelaelwa maikutlo ka dingwaga tsa bone di le kwa tlase.
Superintendent Kebodiretswe o ne a supa matshwenyego ka dititeo tse a reng di golela pele bogolo jang kwa motseng wa Mahotshwane. A re ditiragalo tse di diragala thata go sena go nowa mme batho ba felele ba gobetse.
A re e le ba sepodisi ba itlamile go tswelela ba ruta batho ka melato ya go tshwana le e ga mmogo le ditlamorago tsa yone. O boletse fa gape ba tlaa ema ka dinao go netefatsa gore melawana ya thekiso ya bojalwa e salwa morago ka jaana bontsi jwa dititeo tse di diragala kwa mafelong a dino. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MABUTSANE

Event : interview

Date : 05 Oct 2016