Mapodisi a tlhotlhomisa loso lwa losea
05 Oct 2016
Mapodisi a Tonota a tshegeditse batsadi ba babedi go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa losea lwa dikgwedi tse supa.
Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi, Superintendent Kenanao Badumetse, o boletse fa tiragalo eo e diragetse ka Mosupologo mo mosong morago ga gore batsadi bao ba fitlhele ngwana a tlhokafetse mme ba ne ba letse le ene fela a siame.
O tlhalositse fa monna a tlholega kwa lefatsheng la Zimbabwe mme mosadi ene a tlholega kwa Mabesekwa. Supt Badumetse a re setopo se kwa setsidifatsing sa sepatela sa Nyangabgwe go tlhathobiwa ke ba bongaka.
Mo go tse dingwe a re ba tlhotlhomisa loso lwa monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro yo o fitlhetsweng a akgega mo setlhareng . Supt Badumetsea re tiragalo eo e diragaletse kwa masimong a Makomoto ka Sontaga bosigo. O tlhalositse gore moswi o ne a tlhoka kutlwisisano le mokapelo.
O supile fa setopo le sone se le kwa sepateleng sa Nyangabgwe go tlhathobiwa ke ba bongaka. Supt Badumetse a re ba kwadisitse kotsi e e masisi e mo go yone mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Kia Soranto a neng a latlhegelwa ke taolo ka jalo ya tswa mo tseleng.
A re kotsi eo e diragetse mo tseleng ya A1 dikhilomethara tse tlhano go tswa mo Tonota ka nako ya lesome le bongwe bosigo ka Sontaga.
Supt Badumetse a re koloi eo e ne e na le bapagami ba le babedi, monna le mosadi le fa gontse jalo mosadi o robaditswe kwa sepateleng sa Nyangabgwe go alafelwa dikgobalo fa monna ene a dule fela a sena dikgobalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TONOTA
Event : interview
Date : 05 Oct 2016






