Breaking News

Ntlo ya Dikgosi e etela BIUST

04 Oct 2016

 

Maloko a Ntlo ya Dikgosi  a eteletswe pele ke modulasetilo Kgosi Puso a ne aetetse sekolo se segolwane sa dipatlisiso, boranyane le boitseanape (BIUST) kwa Palapye bosheng.

Maikaelelo e ne e le go tlhaloganya ka se sekole seo se se dirang ka jaana Ntlo ya Dikgosi e le lengwe la makalana a a gaufi thata le palamente mo go tseyeng ditshwetso le go diragatsa melao.

Leeto leo le tlaa tswela BIUST mosola morago ga kutlwisiso, neelano le therisano le borara, le gone go lemoga botlhokwa ja leeto leo.

Erile a ema marara pele ka lefoko, mogokgo wa BIUST, Professor Otlogetswe Totolo a tlhalosa fa sekole seo, se ikemiseditse go phatlalatsa ditlhabololo le go dira ditogamaano ka maikaelelo a go tlhabolola kgaolo ya Legare le Botswana ka kakaretso.

O ne a bua a sa kgale mathe ka banni le borara jwa Palapye ka fa ba neng ba bona go tshwanela go ikamoga lefelo leo le e neng e le masimo le mafudiso a bone go le abela puso, go re le dirisediwe ditiro tsa setshaba go tlhabolola thuto ya boranyane.

Professor Totolo a re maikaelelo ke gore ba bone BIUST e le golo gongwe ka ngwaga wa 2022, e atologile e bile e le mo seemong sa go ka bidiwa mmadikole wa mafatshefatshe, mme a re go tlhoka gore go dirwe go le gontsi fa madi a ka bonala.

Professor Totolo a re mo nakong eno ba tshwere ka natla go tlhabolola Palapye le metse e e mo tikologong segolo jang ka ditsela gore ba lomagane sentle le yone, mme a re Palapye ka e le beng ba sehuba bone ba tlaa akola ditlamelo tseo.

A re ga ba a itebaganya le maranyane fela mme ba na le dithuto tse dingwe tse di ka nshang baeteledipele ba popota mo go tsa ithutelo tsamaiso ya dikhamphani, dikgwebo le madirelo, ba tshephega, e le ba boleng jo bo kwa godimo, ba na le dikitso tsa tlhwatlhwa e bile ba ka ntsha maduo a a eletsegang le bone ba kgatlhegelwe ke mafatshe a mangwe.

O ile a re ba na le dithuto gape tsa dikgwebo, tsa boeteledipele le tsa ditirelo. Tebelopele ya bone ke gore e re ngwaga le ngwaga ba gole ka selekanyo sa lesome le botlhano mo lekgolong  mo go amogeleng baithuti, mme seo ba ka se kgona fela ka go nna teng ga dikago tse di tlhokegang.

Mo nakong eno ba na le baithuti ba le 1 700, ba mo go bone masome a matlhano le borataro mo lekgolong e le ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe leno, mme ba le 200 e le ba ba dirang dithuto tsa post graduate, fa batlhatlhelela dithuto bone ba le 147. O ile a tlhalosa fa ba tswela kwa ntle go oka makalana a mangwe a a tsamaelanang le bone ka tsa boranyane go tshwaraganela kgetsi ya tsie, jaaka ba mmadikole wa Botswana University of Agriculture and Natural Resources (BUAN) le ba National Food Technology Research Centre.

Professor o supile gape gore ba na le setlhopha se se eteletsweng pele ke Dr Haniso Motlhabane go isa dithuto kwa Batswaneng ka go ba lemosa bomosola ja maranyane, segolo jang kwa metseng ya magae le kwa dikoleng tse dipotlana le tse dikgolwane. O ne a tswelela a supa fa ba na le dikgwetlho tse di sa ntseng di lebanye sekole sa gagwe  jaaka go tlhaelelwa ke matlo a boroko, borutelo ja tsa boranyane), mabala, mafelo a itloso bodutu le gore go botlhokwa go nna le lebala la difofone segolo jang go lebeletswe gore ba tlhokana thata le batho ba mafatshe a sele go tla go abelana le bone ka tsa boranyane le go anya botsipa mo go bone. BOKHUTLO

Source : bOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Ntlo ya dikgosi e e tletse BIUST

Date : 04 Oct 2016