Breaking News

SHAA e tlhatlhelela baikopedi

04 Oct 2016

Bonno ke selo sa botlhokwa mo botshelong, ka jalo puso e bone go le maleba gore e tswe ka mananeo a go thusanya le batho gore ba nne le bonno jo bo tshwanetseng.
Lekalana la SHHA la khansele-potlana ya Mahalapye, le ne la tshwara dithuto se ka dipuisanyo le baikopedi ba lenaneo la go tokafatsa bonno, mo Mahalapye bosheng. Baikopedi ba ba neng ba tsene dipuisanyo tse e ne e le ba ba tswang mo Mahalapye le metse e e  mabapi.
E rile a ba baya lefoko, mookamela lephata la tsa kago (physical planning)  Mme Godiramang Motlhagodi  a ba rotloetsa go dirisa nako sentle ka gore tiego e baka tatlhegelo.
Mme Motlhagodi a re ba tlhwaafalele go aga matlo mo nakong e e beilweng go itsa go latlhegelwa ke madi fa ditlhwatlha di ntse di oketsega. O tlhalositse gape gore fa ba diega go aga go tlaa ba turela.
O ba lemotshitse botlhokwa ja go duela madi a kadimo go ya ka tumalano le go tila go nna le kotlhao fa ba sa duele ka nako, e bile madi a ka felela a na le morokotso.
Mme Motlhagodi  o kgothaditse batsayakarolo ba lenaneo gore ba nne le boikarabelo mo go tsa kago, a tlatsa ka gore letsema le thata ka mong wa lone.
A wetsa ka gore thulaganyo e e tlhoka gore moikopedi, moagi ga mmogo le khansele ba tshwaragane. Fa a ntsha la gagwe mookamela  lekalana la SHHA Rre Botho Bolowe o itsisitse batsayakarolo dithuto seka dipuisanyo gore dikopo tsa bone di atlegile.
Rre Bolowe a re lenaneo la tlhabololo ditsha ga le tshwane le la go tlokafatsa bonno, a tlatsa ka gore madi a kago a ka lopa dikete di lemasome a mane le botlhano le dikete di le masome a marataro. O ba itsisitse gore madi a kadimo a duelwa mo dingwageng tse di masome a mabedi.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dimpho Kebatho

Location : MAHALAPYE

Event : Dipuisanyo

Date : 04 Oct 2016