O ikgapetse botshelo
03 Oct 2016
Mapodisi a Kanye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a ferabobedi wa Pitsaneng kwa Kanye go belaelwang a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa mo setlhareng.
Mogolwane wa mapodise a Kanye Superintendent Mmoloki Mogale a re go ya ka ba lelwapa la monna yo, erile mo mosong wa letsatsi la boipuso a tsoga sentle fela a bo a ya go dumedisa mohumagadi wa gagwe pele ga a ka nyelela.
Superintendent Mogale a re go bolelwa fa erile moragonyana ngwana a batla rraagwe ya re a sa mmone a mo tsaya ka motlhala go fitlhela a goroga kwa rraagwe a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng.
A re ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile gore monnamogolo a ikgapele botshelo, le fa go ntse jalo gatwe monna yo o ne a ise a ke a bontshe matshwenyego ape.
Superintendent Mogale a re mo go tse dingwe, ba tlhotlhomisa pego ya petelelo kwa motsing wa Gasegwagwa kwa mosimane wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe go belaelwang a itseetse dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi.
A re tiragaolo eo e diragetse kgwedi eno e tlhola letsatsi a tlatsa ka gore bobedi jo jotlhe ke bana ba kwa motsing wa Gasegwagwa, a gatelela gore ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong. Fa kwa Moshupa gone go tlhotlhomisiwa dipego tsa dititeo tsa batho ba le babedi ba ba robaditsweng kwa dipateleng tsa Marina le sa Kanye ka dikgobalo mo tlhogong fa yo mongwe ene a gobetse tlhogo le leitlho.
Superintendent Oteng Ngada wa sepodisi sa Moshupa a re lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa o ne a tlhaselwa ke basimane bangwe ba le babedi wa dingwaga tse di lesome le bosupa le wa tse di masome a mabedi le bongwe.
Superintendent Ngada a re basimane ba ba ne ba tlhasela lekawana le ka go mo ngata ka matlapa ka letsatsi la boipuso mme ba mo gobatsa mo tlhogong mo a feletseng a bona dikgobalo tse di masisi.
A re mo nakong eno lekawana leo le robaditswe kwa sepateleng sa Marina fa basimane bao bone ba le mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
A re mo tiragolong e nngwe, lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi le ene o ne a gobadiwa ke batho bangwe ka matlapa mo leitlhong le mo tlhogong, a re ene o robaditswe mo sepateleng sa Sabata kwa Kanye.
Superintendent Ngada a re tiragalo e yone e diragetse kgwedi eno e tlhola letsatsi, a tla a re ga go ise go tshwarwe ope mabapi le tiragalo e fela ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse.
Le fa go ntse jalo a re e re ntswa go ne go rena kagiso le thitibalo ba ne ba tshwara batho bangwe ba ba neng ba rekisa majalwa a a sa letlelelweng ka letsatsi la boipuso.
A re batho ba teng ba ne ba ipona molato mme ba duedisiwa P300 mongwe le mongwe wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 03 Oct 2016






