Hamba e a lelemela
03 Oct 2016
Bontsi ja babogedi ba ba neng ba ile go lebelela metshameko e e neng e rulagantswe ke ba komiti ya boipuso ka Matlhatso kwa lebaleng la ditshupo mo Bobonong ba ne ba kgatlhwa thata ke lebelo la baesekele ya Hamba.
Lebelo leo le ne le tsenwe ke bagolo le banana go akaretsa bomme ba babedi le borre ba bagolo ba le bararo.
Motsamaisa komiti eo ya itloso bodutu Rre Motseothatha Mafoko a re komiti eo e ne e rulagantse mabelo a le mantsinyana jaaka la 100 metres, 200metres, 400 metres le la dikhilomithara di le lesome mme lebelo la baesekele ya Humber le ne la gapa ba le bantsi maikutlo.
Rre Mafoko a re lebelo le le ne la ratega thata bogolo jang ka gore le ne le tsenwe ke bomme le borre ba bagolo mme a re e le ba komiti ba tlaa kopana gore ba ba fentseng mo lebelong leo ba lebogwe ka sengwenyana.
Lebelo le la baesekele ya Hamba e ne e le la dikhilomithara di le lesome.
Mo go bomme Mme Maybie Mazebedi ane a tsaa maemo a ntha a salwa morago ke Sephaka Mazebedi.
Mo go borre, Rre Bashi Kgakishi o ne a gapa maemo a ntlha, fa Rre Matlhomola Moleboge a tsaya a bobedi mme Rre Phillmon Mooketsi a ne a tswa maemo a boraro.
Mo go a makawana, Peter Kgakishi o ne a tsaya maemo a ntlha a salwa morago ke Thatayaone Sebawana fa Thabo Mothelo a ne a tsaya a boraro.
Rre Mafoko o supile fa komiti e e rulaganyetsang boipuso e itumedisiwa thata ke go bona banni ba supa kgatlhego e ntsi mo go ipeleleng boipuso.
A re mo malatsing a a setseng a matlhano e tlaa bo e e le metseletsele ya metshameko ya ngwao mme yone e tlaa tshwarelwa mo kgotleng ya Bobonong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : lebelo la baesekele ya Hamba
Date : 03 Oct 2016






