Breaking News

Boipuso jwa ngwaga ono bo haphegile

02 Oct 2016

Fela jaaka mo mafelong a mangwe  Batswana ba tletse ka boitumelo go keteka boipuso jwa  dingwaga tse di masome a matlhano ba motse wa Sefhophe ba ne ba seka ba salela kwa  morago go supa boitumelo jwa bone.

E rile a amogela morafe o o neng o tsile ka bontsi  kwa kgotleng ya Sefhophe Kgosi Segwabe Diloro wa Sefhophe a supa fa go sale go itshupile  ka nako e nne molelo wa kgolagano o raletse lefatshe, gore boipuso jwa monongwaga e tsile go nna jo bo pharologano ka mmino, moopelo, kapari  le tse dingwe.

Erile a ba ema ka lefoko molalediwa wa letsatsi, Rre Morulganyi Tshitoeng a re letsasi la boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano ke nako e morafe o tshwanetseng go tlotlomatsa bagaka ba pele ba eleng dikgosi tse tharo tse di dirileng gore Batswana ba bo ba le mo boitumelong jo ba leng mo go jone.

Rre Tshitoeng a re ga se ka botlhale jwa ga ope gore lefatshe la Botswana le bo le rena ka kutlwano le kagiso, a tlhalosa fa ba tshwanetse go itse gore Modimo ke one o dirileng gore go bo go kgatlhisa go bona ka fa Batswana ba tshelang ka teng.

Rre Tshitoeng a re morafe wa motse wa Sefhophe  o tshwanetse go ipela ba ntshitse dihuba ka ba alositse bagaka ba ba diretseng lefatshe la Botswana ka thata ba tshwana le mothusa tautona wa pele Dr Ponatshego Kedikilwe.

Rre Tshitoeng o tsweletse a tlhalosa fa matlotlo a tlholego e le one a dirileng gore lefatshela Botswana le bo le meletswa mathe ke ba mafatshe a mangwe,a re ditsa tlholego di  tlhoka tlhokomelo e e ka dirang gore di tswelele ka go dira pharologano mo matshelong a bone.

O tsweletse a tlhalosa fa motho e le sebopiwa se se botlhokwa go gaisa dibopiwa tsotlhe ka Modimo a mo file  tlhaloganyo ya go akanya mme a ba rotloetsa go tswelela ba somaretse botho, boikobo, bonatla le kutlwano ka ke tsone tse di ka ba gogelang kwa dingwageng tse di lekgolo.

Molaetsa wa ga Tautona  o ne wa balwa ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Bobirwa Mme Ndindoga Makhwage o o neng o gwetlha Botswana ka karetso go leboga Modimo ka boitumelo jo bo renang mo lefatsheng la Botswana le go tswelela ka mowa wa bone wa lorato go baakanyetsa dikokomane tse di tlang.

Kwa bofelong balekane ba Botswana ba Sefhophe ba ne ba abela Mme Kebathokile  Gabosekwe ntlo ya kamore e le nngwe boemong jwa ba lelwapa  go supa mowa wa kutlwelobotlhoko.

Ba ne gape ba agelela lelwapa loora Gabosekwe ka terata ba bo ba tsenya le pompo ya metsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshepo Mongwa

Location : Sefhophe

Event : Ipelelo Boipuso

Date : 02 Oct 2016