Tswapong o akotse boipuso
02 Oct 2016
Dikgotla tsa metse ya Tswapong ka go farologana di ne di penologa ka bagolo, banana le bana ba ba neng ba tsile go keteka boipuso jwa lefatshe leno jwa masome a matlhano.
Go ne go bonala fa banni ba ne ba sa bolo go emela letsatsi la go keteka boipuso jo ka botlhe ba ne ba kgabile ka diaparo tsa mebala ya folaga ya lefatshe leno e e nang le botala jwa loapi, bosweu le bontsho.
Mebala eo e ne e bonala gape mo dikgotleng tsotlhe tsa metse yotlhe ya Tswapong. Go ne go kgatlhisa thata ka go ne go sena motse o o neng o batla go gaisiwa.
Banni ba ne ba ipelela boipuso ka go bala molaetsa wa ga Tautona mme morago ga moo mmino wa dikhwaere ka go farologana, maboko le mmino wa Setswana tsa nna matsorotsoro mme melaetsa ya tsone e remeletse mo go bueng ka boipuso jwa masome a matlhano le kwa lefatshe leno le tswang teng le kwa le yang teng.
Dibui ka go farologana kwa meletlong ya boipuso di ne di galaletsa Batswana ka gobo ba tshela ka kagiso go sena dikgoberego dipe. Ba re dingwaga tse di masome a matlhano tse lefatshe leno le di ipelelang ke katlego e kgolo fela thata mme ga go thona gore Batswana ba bo ba itumetse.
Rre Ookeditse Mogwera wa Maunatlala o ne a re Batswana ba tshwanetse ba lebogele dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela lefatshe leno tshireletso kwa go Mmamosadinyana ebong Kgosi Bathoen wa Bangwaketse, Kgosi Sebele wa Bakwena le Kgosi Khama wa boraro wa Bangwato.
A re fa lefatshe leno le sena go tsaya boipuso go ne ga rena kagiso mme go na le tse dintsi tse di neng tsa diragala bogolo jang tsa katlego.
A re lefatshe leno le atlegile mo go di le dintsi tsa ditlhabololo di tshwana le tsa ditsela, dikago, botsogo, thuto, temo-thuo, ditswa mmung le tse dingwe.
Rre Mogwera a re boipuso jwa lefatshe leno e tshwanetse e nne kgwetlho mo Batswaneng gore ba tswelele ka kagiso le thokgamo e ba ntseng ba tshela ka yone.
A re ba tshwanetse gape ba nne le kgwetlho e tona ya go bona gore ba tsweledisa popagano e ba ntseng ba na le yone le go tshwaraganela go tlhabolola lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Ipelelo Boipuso
Date : 02 Oct 2016






