Botswana sekgantshwane sa kagiso
02 Oct 2016
Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume a re mafatshe ka bophara a tswela pelo lefatshe leno mo bangwe ebileng ba sa batleng go boela kwa mafatsheng a bone.
O buile jalo ka letsatsi la ipelelo boipuso jwa masome matlhano kwa kgotleng ya Tutume ka Labotlhano mme a re popagano, tshwaragano le neelano ke tsone tse di dirileng gore Batswana ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome matlhano go sena tshololo ya madi.
Kgosi Nsala o ne a bolela fa go ne go se motlhofo mme ka maikemisetso le sekano sa setshaba se se bopaganeng se ipelafatsa ba kgonne go goroga ba le seopo sengwe go rena kagiso.
O ne a gatelela ka gore popagano le tshwaragano ke yone mmangmang ke ka moo mafatshe a mangwe a meletsang lefatshe leno mathe.
Kgosi o ne a fa sekai ka motse wa Tutume, a bolela fa kwa tshimologong ba ne ba tshela ba le makgamu ba ikgaogantse ka dikgotlana mme gompieno ba kopane e le batho ba Tutume fa ba kopa ditlamelo kwa pusong di goroga ka bofefo ka ba bua ka lentswe le le lengwe ba bopagane.
O kopile batho go tswelela ka go godisa kagiso le thokgamo eo go goroga kwa dingwageng tse di masome matlhano tse di tlang le go tshegetsa Setswana se se reng ntwakgolo ke ya molomo.
Kgosi Nsala o ne gape a kopa banana go nna le boikarabelo fa ba ntse ba itumela ka go itlhokomela mo ditseleng le go nna le boikarabelo mo go sengwe le sengwe se ba se dirang.
Fa a leboga, modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi o ne a re Botswana o sego thata go bo a gorogile mo dingwageng tse di masome matlhano go sena tshololo ya madi.
Rre Mokgethi a re mafatshe ka bontsi a eletsa kagiso le thokgamo e e renang mo lefatsheng leno, mme a gatelela ka gore seo se dirwa ke popagano le kutlwano ya setshaba.
O supile fa diphathi tsa kganetso le tsone di nnile le seabe se setona thata ka go godisa kagiso eo ka le tsone di mo moonong wa puso ya batho ka batho le go itse fa ntwakgolo e le ya molomo.
Rre Mokgethi o ile a leboga mabutswapele a lefatshe leno go bo ba ne ba jala mowa wa kagiso mo lefatsheng mme wa gologela kwa dikokomaneng go fitlha mo nakong ya gompieno batho ba ipela ka kagiso.
O ne a gatelela ka gore seo ke nnete tota ka tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng e bile letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo.
Gape o ne a leboga badirelapuso ba pele ba ba simolotseng ka nako e go neng go le thata ba lebanwe ke dikgwetlho mme ba kgona go aga Botswana wa gompieno yo o elelang mashi le dinotshi.
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba o ne a balela batho molaetsa wa ga Tautona mme letsatsi leo le ne le natefisiwa ka mmino wa Setswana wa Ndazola, Huso le Sepero. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Ipelelo Boipuso
Date : 02 Oct 2016






