Go tlhokafetse a le mongwe
01 Oct 2016
Monna wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe o tlhokafetse mo kotsing ya koloi mo tseleng ya Mmaphashalala/Pallaroad ka malatsi a boitapoloso a boipuso.
Go ya ka Assistant Superintendent Kgosienalerona Sechoni wa Mahalapye, kotsi eo e diragetse mo mosong wa Lwetse 29 ka nako ya bosupa.
Ass. Supt Sechoni o tlhalositse fa rre yo o go ne ga netefadiwa fa a tlhokafetse a tsena kwa sepatela se segolwane sa Mahalapye.
A re go bolelwa fa banna bao ba ne ba le batlhano ka palo, fa ba bararo bane ba bona dikgobalo tse di potlana mme ba gololwa fa yo mongwe yo a neng a kgweetsa ene a santse a sidilega kwa sepateleng.
O tlhalositse fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo.
Ass.Supt Sechoni o kopile morafe kakaretso bogolo jang bakgweetsi go emisa go kgweetsa ba lapile kgotsa ba itshietse nnotagi.
Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa seemo se santse se ritibetse go sena sepe mme e bile le bakgweetsi ba itshwere sentle mo tseleng ya A1, a kopa gore fa motho a bona a lapile a eme fa thoko ga tsela a itheetse go fema dikotsi.
Kwa Dibete gone, Supt Phineas Makwaeba ene o tlhalositse fa le bone seemo se sa ntse se ritibetse mme ba eme malala a laotswe go bona fa ba ka laolang seemo ka teng.
Supt Makwaeba a re go lebega bakgweetsi ka bontsi ba obamela matshwao a tsela ka ba ise ba gatise sepe se se sa siamang, a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 01 Oct 2016






