Breaking News

Masunga o akotse boipuso

01 Oct 2016

 

Go lebega banni ba Masunga ba ne ba nyoretswe go bona letsatsi la Lwetse a le masome a mararo le goroga le ka lone lefatshe leno le neng le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa.

Kgotla ya motse ono e ne e penologa go rena megolokwane jaaka morafe o ne o ipelela boipuso jwa monongwaga ka kagiso le boitumelo.

Banni ba motse oo ba ne ba rolelwa molaetsa wa ga Tautona wa boipuso ke molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela mme ba o amogela ka theetso e e seng kana ka sepe le ka boitumelo.

Fa a ema morafe ka lefoko, Kgosi ya Masunga Kgosi Thabo Maruje III o ne a kopa Batswana gore ba leboge Modimo ka dinako tsotlhe go bo e le ene a thusitseng lefatshe leno go fitlhelela tse le di fitlheletseng e sa le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966.

Kgosi Maruje III a re mo dingwageng tseo lefatshe leno le ne le tshwerwe ke lehuma le le neng le boitshega mme Modimo ka thato ya one, a le direla dikgakgamatso ka jaana mo nakong eno ope yo o ka iphitlhelang a tlhokile lesego la go apara le lehuma, mananeo a puso a teng go mo namola le gone go tsholetsa botshelo jwa gagwe.

A re ka jalo Batswana ba tshwanetse ba ipelafatsa le go itumelela lefatshe la bone ka gotlhe mo ba ka go kgonang ka le le botlhokwa mo matshelong a bone ka jaana ba akola go tshela ka boitumelo, kagiso le gone go tshela ka tekatekano, tse batho ba mafatshe a mangwe ba sa di boneng gotlhelele.

Kgosi Maruje III a re mo godimo ga tsotlhe, Motswana mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go nna le boitshwaro jo bo eletsegang e bile a ikgakologelwa, a itse fa a tsweletse le mosepele wa botshelo.

A re keletso ke gore le go ya pele kagiso le thokgamo tse di ntseng di rena mo lefatsheng leno di tswelele go ya go ileng.

Go ntse go le foo, Kgosi Maruje III a re o eletsa morafe wa gagwe o ka tshwaragana go leka go fitlhelela ditoro tse ba di akantseng mo motseng, e le ka maikaelelo a go isa motse wa Masunga kwa pele.

Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima ebile e le Mothusa Tona yo mosha wa tsa Peeletso, Kgwebo le Papadisano Rre Biggie Butale o ne a gwetlha morafe wa Masunga go ema Kgosi ya bone nokeng.

Rre Butale o ne a supa fa go tsholetsega ga motse wa bone go ka kgonega fela fa go na le tirisano mmogo e bile botlhe ba itlama go tsenya letsogo mo go sepe se se diragalang mo motseng.

Moletlo oo, o mo mosong o neng wa tlhagolelwa tsela ke dikgaisanyo tsa mabelo a sekgele sa dikhilometara tse nne, a akaretsa mabelo a dibaesekele, o ne wa natefisiwa ka mmino, poko le moopelo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Masego tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Boipuso

Date : 01 Oct 2016