Mabutsane O Ipela ka Popagano
30 Sep 2016
Kgosi Kgakgamatso Moletsane yo o okametseng metse ya kgaolo ya Ngwaketse-Bophirima o akgoletse banni ba Mabutsane popagano e ba e supileng mo boipusong jwa monongwaga.
Erile a bua mo potsolotsong ka letsatsi la go ipelela dingwaga di le masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa, Kgosi Moletsane a re o lebogela mowa o montle wa tshwaragano o batho ba motse oo ba o supileng go simolola fela go baakanyediwa boipuso go fitlhela letsatsi la mokete.
A re ba tseetse boipuso jwa monongwaga kwa godimo mo ebileng a eletsa gore boipuso jwa dingwa tse di latelang le jone bo nne le serodumo se se kwa godimo jalo.
Kgosi Moletsane o ne a akgola bagwebi gammogo le bana-le-seabe botlhe ba ba nnileng le karolo gore mokete wa boipuso o atlege. O akgotse tautona wa lefatshe leno wa pele Sir Ketumile Masire go bo a abetse motse wa Mabutsane kgomo go oketsa tse tharo tse ba neng ban a natso go keteka boipuso.
O supile fa komiti e e neng e tshwere dipaakanyo tsa boipuso le yone e dirile ka natla ka jaana e kgonne ko kokoanya madi a a kana ka P17 000 oketsa se puso e neng e se ba file.
Le fa go ntse jalo, o ne a ngongoregela go re seabe sa Balekane ba Botswana kwa motseng oo se ne se le boutsana le ntswa boipuso jwa monongwaga bon a le sekao se se kwa godimo. A re ba lekile go ba kokoanya gore ba tseye karolo mme maiteko a bone a itaya se fololetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Ipelelo letsatsi la boipuso
Date : 30 Sep 2016






