Ba ipela le balwetse
30 Sep 2016
Mokwaledi mogolo wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Daniel Katjinotjiwa a re Botswana o sa le a ipaakanyetsa ngwaga wa 2016 bogologolo ka ngwaga wa 1996 fa go ne go dirwa tebelopele ya setshaba ya 2016.
Rre Katjinotjiwa o boletse seo kwa moletlong wa go ipelela boipuso le balwetsi ba ba robaditsweng kwa kokelong potlana ya Tutume ka Laboraro. A re lefatshe leno le ne la tswa ka tebelopele e neng ya fa Batswana seemo sa go ka baakanyetsa moletlo o mogolo wa dingwaga tse di masome matlhano.
O ne a gatelela ka gore Batswana ba na le mabaka a mantsi a go ka ipelela dingwaga tseo tse di masome matlhano
ka fa go tla nna le letshego la setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe ba ne ba gomagomediwang ke go nyelela ka lebaka la seru se se neng se wetse lefatshe sa HIV le AIDS ka nako eo.A re ka tebelopele kana ponelopele eo, Botswana o ne wa nna lengwe la mafatshe a ntlha go neela balwetsi dipilisi tse di ritibatsang HIV.
Rre Katjinotjiwa a re mo nakong ya gompieno, go setse go simolodisitswe lenaneo la go itlhatlhoba le go fiwa kalafi go
sa emelwe masole a mmele gore a ye kwa tlase.A re ke maiteko a matona thata ebile le toro ya go leka go thibela kanamo e ntsha e tla fitlhelelwa.
O ile a bolela fa kgatelo pele e e dirilweng gape ele ya go atametsa ditlamelo tsa botsogo kwa bathong mo balwetsi
ba tsamayang sekgele se se fa tlase ga botlhano go etela kokelo kana kokelwana gape ebile le dipilisi tse di ritibatsang mogare tsa ARV di tsewa mo di kokelwaneng.
Gape o ile a leboga badiri ba kokelo eo gobo ba ne ba bona go tshwanela go ipelela boipuso le balwetsi, a re seo se tla dira gore
ba lemoge fa ba amega ebile ba tshwenyega ka botsogo jwa bone.O tsweletse a supa fa ba tla kokobalelwa ke ditlhabi ka lerato le kemo
nokeng e ba e diretsweng ke badiri bao, e tlaa dira gore ba ntshe mowa wa boitlhobogo mo go bone mme ba sidilege.
Ngaka Ivan Kgetse a re e le badiri ba botsogo ba ne ba bona go le botlhokwa go direla balwetsi ba ba robaditsweng boipuso ka
ba lemoga fa bone ba sena sebaka sa go ka ya go ipela le batho kwa dikgotleng ntateng ya bokoa.
O tsweletse a bolela fa go dira jalo ba ne ba batla go tlisa mowa wa neelano le lerato mo balwetsing gore le bone
ba seka ba tlelwa ke mowa wa boitlhobogo, ba bone fa le bone ba lebanwe ke go ipela
jaaka Batswana ba bangwe le ntswa ba le mo ditlhabing. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Ipelelo Boipuso
Date : 30 Sep 2016






